Breaking News

Boitseme bo a tshwenya

22 Jan 2014

Bodiredi jwa lefatshe leno ga bo dire ka natla go tsisa maduo mo tirong, se se boletswe ke Mopalamente wa Borwa Botlhaba  Rre  Odirile Motlhale fa a buisa diphuthego mo kgaolong eo bosheng.

A re tshekatsheko   ya   ba   World   Economic   Forum  e supile   fa   lefatshe  la  Botswana   le  na   le  dilo  tse   dintsi  tse  babeeletsi   ba  dikgwebo  ba  di  tlhokang,  mme  fela  le  bodiredi bo palelwa ke go tsisa maduo.

 Mopalamente  Motlhale, a re  seemo se, se  tshwentse le bogogi jwa lefatshe leno ka e bile Tautona  Lieutenant General Seretse    Khama   Ian  Khama,  o ne a a ama fa a a ntsha pego ya tekodiso ya setshaba ngwaga e e fetileng. Rre Motlhale a re go tlhoka go dira ka natla go kgoreletsa lefatshe leno go ngoka bagwebi ba ba ka thusang go tlhabolola itsholelo.

 Mo go tse dingwe, Rre Motlhale a re   lenaneo   la   Tirelo   Setshaba   le   tla   a   simologa  ngwaga   ono,   mme ba ba atlegileng   ba   tla  a  letlelelwa  go  direla   mo   magaeng  a  bone. O ne a supa  gape  fa   le  sa tlhoke  dithutego   dipe,  gape   le   dirwa   ke   banana   ba  ba  dingwaga  tse  di  masome  a  mabedi  go  ya  go tse   di  masome  a   mararo.

 O   tlhalositse  fa   dikatso   tsa   banana  ba   e  le   P500-00, go bo go nna  le   P200-00    yo  monana a   tla   mmeelwang   go  fitlhelela  lebaka  le  a  tla  tlogelang   lenaneo   le  ka  lone.  Fela  go   tlhalosiwa   fa   lenaneo   le,   e  se   tiro   mme   ngwana  a  ka  le  tlogela  nako  nngwe   le  nngwe  fa  a  batla.

E rile  ba   mo  kgwa   kgaba, Balete   ba   bolela  fa   ba  sale ba  solofediwa    kago   ya   borogo   jwa   noka  ya Notwane   mo  molelwaneng  wa   lefatshe  leno  le  la  Aferika   Borwa, ba  bo  ba  tlhalosa  fa  mesele  ya   kgopho  ya  metsi a leswe e  sa  elele sentle, e  emisa   metsi   go  na   le   go  a  isa   kwa  molapong  wa   Notwane.

Ba  tlhalositse     gore   lenaneo   la   Tirelo  Setshaba  le tshwanetse la  elwa   tlhoko  la  beelwa sebaka se motho a ka nnang mo go lone, ka  fa  go  sa  dirwe   jalo   le  ka  felela   le  na  le   mosuke  o  montsi.

E rile a   ba   araba, Mopalamente   Motlhale   a   supa  fa  mo  ngwageng   ono  lenaneo la   Tirelo  Setshaba  le  tla  a  batla  banana  ba  le  15-000  lefatshe  leno lotlhe, mme  mo kgaolong   ya   gagwe   go   setse  go  ikwadisitse  banana  ba  feta   makgolo  a   matlhano.

 Rre Motlhale  o   boletse  fa   borogo  jwa   Notwane  bo   tla  a  dirwa   ke  puso ya  lefatshe   la   Aferika   Borwa.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego

Date : 22 Jan 2014