Babereki ba Kanye Brigade ba ithuta dikhomputara
22 Jan 2014
Go boammaaruri gore thuto ga e golelwe.
Se se supagetse kwa sekoleng sa ithutelo tiro tsa diatla sa Kanye Brigade fa se ne se alosa baithuti ba le lesome le borataro ba ba neng ba ithuta ka tiriso ya maranyane a dikhomputara ba ntse ba le mo tirong.
Baithuti bao ke badiri ba ba amogelang ka letsatsi kwa sekoleng seo, bontsi ja bone ke bagolo. Ithutuntsho e, ba e bone ka thotloetso ya mogokgo wa sekole seo Rre Bester Mahube. Dithuto di ne akaretsa go kwala, go romela melaetsa, go fetola, go godisa mafoko le go dira mekgabisa ka khomputara .
Mmui wa tlotla mo kalosong ya dialogane tseo, mogolwane mo go tsa thuto mo kgaolong ya Borwa, Mme Maipelo Kesenye o akgotse sekole sa Kanye Brigade go ruta babereki ba bone dikhomputhara, selo se a reng ga se diragale mo maphateng ka bontsi.
Mme Kesenye o boletse fa badiri ba maemo a a kwa tlase ba sa tsewe tsia go ithuta dilo di tshwana le dikhomputara, tse gompieno eleng tsone go berekwang ka tsone. O tsweletse a re bontsi jwa babereki ba, bo saletse morago, bo utlwa fela ka baeteledipele ba bone.
O tlhalositse fa tiriso ya dipampiri e nyelela ka monokela, mme go tla bo go dirisiwa dikhomputara go romela melaetsa, go utlwa dikgang, go buisana gammogo le go fetolana. A re metlha ga se ya maloba, babereki botlhe ba tshwanetse go itse ditiro ka go farologana.
Mme Kesenye , o solofeditse fa a tla kopa mo lephateng la gagwe gore ba rekelwe dikhomputara gore ba tswelele ba di dirise ba tle ba seka ba lebala. Mo mafokong a gagwe a malebo, mongwe wa dialogane Mme Kelepile Banabotlhe o ne a lebogela dithuto tse ba di tseneng thata go menagane.
A kaya gore ba ntse ba inyatsa e bile ba tseelwa ko tlase gore ga se ba ba ka ithutanag dikhomputara ka bagodile, ba emetse go digela sebaka sa pereko fela. O boletse fa thuto eo, ba e bone go sena tuelo epe, e le ka lorato la boeteledipele ja sekole jo bo boneng go le botlhokwa thata gore ba e bone. A re, go ne go le thata fa ba simolola mme ba nna pelotelele le dithuto go fitlhelela ba di wetsa.
Mongwe wa barutintshi Rre Johannes Ochuizen, a re malatsi ano go tshelelwa mo tirisong ya dikhomputara go itshetsa le go abelana dikitso ka bophara. O boletse fa baithuti ba ne ba reetsa thata le mororo e ne le bagolo. Jaaka e ne ele moithaopi mo go ruteng bagolo bao ,o lebogetse tirisano mmogo le mogokgo wa sekole e e dirileng gore tiro ya bone e nne motlhofo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Kaloso
Date : 22 Jan 2014






