Breaking News

Batswana ba kgothadiwa go shafatsa bo Omang

21 Jan 2014

Dipalo di supa fa mono ngwaga  dikarata tsa bo-Omang di le 73 000, di tlhoka go ntshafadiwa, fa mo  ngwageng o o neng o sa tswa go feta, diofisi tsa Omang lefatshe leno lotlhe di ne di phephetha ka dikarata tsa bo-Omang ba ba sa tsewang di le 41 350.

Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Palapye, Rre Moisaraela Goya mo phuthegong ya kgotla kwa Patikwane.

O ne a supa fa a tshwenyega ke  gore batho ga ba kake ba kgona go tlhopha ka ba tlaa bo ba sena dikarata tsa Omang di le kwa di ofising tsa puso.

Rre Goya a re dipalo tse di neng di solofetswe gore di bo di ikwadisitse mo ikwadisong ya ditlhopho  e e fetileng  e ne e le 1.4 million, fa ba ofisi ya ditlhopho bone ba ne ba ipeetse seelo sa 1.1 million, mme mo nakong  eno  487 000 e le ene fela a ikwadisitseng.

A re go sa tsaya Omang ga batho gona le seabe sa go digela dipalo  tsa ikwadisetso ditlhopho tlase , mme a ba kgothatsa go dirisa sebaka sa poeletso ikwadiso go ikwadisa ka dipalo tse di kwa godimo. 

A re  Batswana ba tseye tlhopho ka tlhwaafalo ka e le lemao  le le ntlha-pedi, e seng jalo puso e tla a tsena mo diatleng tsa Batswana ba ba tsereng boagedi.

O ile a ba tlhagisa gore ba dirise mananeo a puso a temo- thuo go itlhabolola. A re puso e tlhapholotse letsogo ka ditsela tsotlhe go ntsha Motswana mongwe le mongwe mo lehumeng ka mananeo a a farologaneng.

A re  lefatshe  le, le  jesiwa  ke  la Aferika  Borwa, le mo nakong eno le  supang  fa le nale le  tlhaelelo  ya mmidi mono ngwaga, mme le setse le supile fa le ya go rekisa phaletshe ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo.

Ka jalo o dumela fa se  se tshwanetse sa  tsenya balemi mo kgatelelong  ya go lema ba tsentse marapo dinameng go ntsha dijo tse dintsi.

 O ba  kgothaditse go tswelela ka go lema go fitlhelela  temo e emisiwa. Banni ba ngongoregile  ka  ditholo le leruo le le ba senyatsang dijwalo  mo masimong. Ba supile  gape  fa ba sena metsi mme ba farafarilwe ke didiba tse dikgologolo.

Modulasetilo wa Komiti ya  Letamo  la Patikwane Rre Class Manyeula o ne a gatelela  kgang ya lenyora mme a tlhalosa fa ba ne ba ikopanya le ba koporase ya metsi ka sediba se ba neng ba se bone morago ga gore mopalamente a ba gakolole go tsenya kopo, a re nako kgolo ke eno ga go nko e tswang lemina kwa go ba metsi.

O ne gape a buwa ka go agelwa motshela kgabo mo nokeng ya Lotsane, a re seo se ka dirwa ka lenaneo la  Ipelegeng le bone e le ba Patikwane ba ka tsenya letsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2014