Breaking News

Ba gakolotswe go itebaganya le dikgwetlho

21 Jan 2014

Banni ba ba thusitsweng ka mananeo a puso kwa Borolong, mo kgaolong-potlana ya Tonota, ba gwetlhilwe go tia moko fa ba kopana le dikgwetlho mo mananeong a ba a filweng.

Kgakololo e, e dirilwe ke mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Tonota Bokone, Rre Fidelis Molao kwa phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng.

Rre Molao o boletse fa botshelo ka bojone bo tletse dikgwetlho, ka jalo go le botlhokwa gore ope yo o filweng thuso ke puso go tokafatsa botshelo jwa gagwe, a bo a ikemiseditse go mekamekana a bo a fenya kgwetlho epe e e ka tlhagelang kgwebo-potlana ya gagwe.

A re tsone diemo tse di thata tse ba kopanang le tsone, ke tsone tse di ka thusang dikgwebo tsa bone go fatlhoga  fa ba sa itetle go fenngwa ke mowa wa boitlhobogo.

Fa a ama kgang ya tlhaelo ya boroko jwa bodiredi jwa puso mo motseng oo, e e neng e ntshitswe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Oga Lesetedi, Rre Molao o ne a supa fa bothata joo bo aname le lefatshe leno lotlhe.

Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa fa puso e le mo thulaganyong ya go hirisetsa badiri ba yone matlo a beng, se e le maiteko a go fokotsa manokonoko a tlhaelo ya boroko.

O ne a ikuela mo Batswaneng ba ba nang le matlo a khiriso go itshupa, fa ba ba nang le ditsha ba kopilwe go di tlhabolola gore ba tle ba nne le seabe mo go tlhomamiseng gore thulaganyo eo e a atlega.

Mo matshwenyegong a bagolo bangwe a gore puso ga e dire go lekane go ba thusa, Mopalamente o ne a ba gakolola go ela tlhoko gore fa banana ba ntse fela ba sa dire sepe se se nang le mosola, ba tshabelelwa ke go inaakanya le ditiro tsa botlhokatsebe, ka jalo ke sone  se bontsi jwa mananeo bo itebagantseng le bone. 

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa mananeo a le teng a a sa tlhaoleng ka dingwaga. O ne gape a bolela fa ba tlhoka sekole se sebotlana  sa bobedi mo motseng ka dipalo tsa bana di fekeetsa se se leng teng. Rre Lesetedi o ne a boa a kopa tlhatloso le katoloso ya kokelwana ya motse oo, a kaya fa mo nakong eno go sena ditirelo tsa pelegi mo go yone.

Go sale foo, o ne a iteela legofi kanamisetso ya diritibatsi tsa mogare wa HIV kwa metseng e e mabapi ya Chadibe le Natale, selo se a boletseng  fa se fokoditse mosuke kwa kokelwaneng ya motse wa Borolong. O ne a lebogela gape koketso ya dioura tsa go bula ga kokelwana ya bone,  e e setseng jaanong e bula ka mafelo a beke le ka malatsi a boitapoloso.

Fa ba akgela, banni supile matshwenyego ka lebelo le le feteletseng la dikolo tse di ralalang  motse tsa tsela ya Orapa le Francistown. Ba kopile gore go dirwe ditotoma tse di fokotsang lebelo la dikoloi mo tseleng eo go fema dikotsi le go dibela matshelo a batho.

Banni gape ba kopile go okelediwe badiri ba boipelego ka ba babedi ba ba leng teng, ba imelwa ke tiro mme seo se bake gore setshaba se  diege go bona dithuso.

Ba boile ba  ikuela mo morafeng  go tlotla kgotla ka go apara ka mokgwa o o amogelesegang  fa ba tla kgotleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : BOROLONG

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 21 Jan 2014