Breaking News

Leporung o kopa letamo

21 Jan 2014

Banni ba Leporung mo kgaolong ya Barolong ba kopile puso go ba agela letamo mo motseng wa bone.

Banni ba buile mafoko ao mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya bone ebile e le Tona wa Meepo, Kgotetso le Metsi, Rre Kitso Mokaila bosheng.

Banni ba boletse fa go agiwa ga letamo go tlaa fedisa letlhoko la metsi mo kgaolong ba supa fa letamo le le dirisiwang mo bogompienong le na le seretse se se ntsi fela thata.

Mongwe wa banni, Mme Matildah Dikhutsho o ne a supa matshwenyego ka go tlhoka go bona pampiri ya sekoloto sa metsi (water bill) a tlatsa ka gore fa e sale koparase ya metsi e tsaya mo go ba water affairs ga a itse gore o kolota bokae.

O ne gape a bolela fa a sale a duetse motlakase wa BPC  Lesedi ka ngwaga wa 2002 mme nako kgolo ke eno. O tsweletse a re mo motseng wa Leporung ba-na-le-bogole ba bantsi mme ga ba bone thuso fela jaaka ba bangwe mo dikgaolong tse dingwe mme o ne a kopa tona go tsibogela kgang eo.

Mme Dikhutsho o ne gape a supa matshwenyego a gore bangwe ba bagodi mo motseng ga ba amogele madi a bone ka nako a tlhalosa fa bangwe bone ba sena dibuka tsa dituelo gotlhelele. Bangwe ba banni ba ne ba supa letshwenyego ka badirela puso, ba ba neng ba tlhalosa fa ba ba bona ka nako ya diphuthego tsa kgotla tsa ga mopalamente fela ba kaya fa dingwe ditirelo ba sa di fiwe ka nako.

Banni ba Leporung ba ne ba kopa gore ba tlisediwe mokwaledi mo kgotleng, mophepafatsi le mooki kwa kokelwaneng ba tlhalosa fa mooki yo o neng a le teng a isitswe kwa Goodhope. Ba ne na kopa mopalamente wa bone gore a ba kopele koloi ya kokelo ba tlhalosa fa e ba e dirisang ba e pataganetse le metse e e mabapi e e akaretsang Tshidilamolomo le e mengwe.

Fa ba tsibogela dilelo tsa banni badirelapuso ba ba neng ba patile tona ba ne ba supa fa ba tlaa tokafatsa fa ba neng ba sa dire sentle teng. Fa a tswa la gagwe tona Mokaila o ne a tlhalosetsa banni ba Leporung gore go aga letamo go tlhokana le morero a tlatsa ka gore go ya go tsaya nako gore ba age matamo a mangwe.

E rile a itebaganya le kgang ya BPC Lesedi tona Mokaila o supile fa ene a sale a boletse gore BPC Lesedi ga e na go berekela Batswana a kaya fa e se kompone ya BPC. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : LEPORUNG

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 21 Jan 2014