Mokalake o kgothatsa banni go dirisisa noka ya Boteti
21 Jan 2014
Mopalamente wa Boteti Borwa, Rre Lebonaamang Mokalake, o kgothaditse banni ba metse ya Mokobaxane, Xhumo le Kedia go dirisa noka ya Boteti go dira dikgwebo ka go farologana go tlhabolola matshelo a bone.
Rre Mokalake o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa mo kgaolong ya gagwe bosheng. A re ba ka dira ditshingwana tsa temo ya nosetso le tse dingwe tsa bojanala fa thoko ga noka, tse di ka okelang bajanala mo kgaolong potlana ya Boteti.
Rre Mokalake, yo gape e leng Tona wa Ditsha le Matlo, o ne a ba kopa go dirisa mananeo a puso go intsha mo lehumeng le go tlhabolola metse ya bone, a tswelela ka go ba rotloetsa go tsena mo kgwebong tsa bojanala ka jaana dile bogadi bo gaufi.
Tona a re bajanala ba mafatshe a mangwe ba kgatlhegela thata go etela mo Botswana gona le mafatshe a mangwe, a re ka jalo, bojanala bo thusa go tswakanya itsholelo, a tlatsa ka gore dikgwebo tsa bojanala di ka ba busetsa fa di tshwantshanngwa le temothuo.
Tona o ne gape a ba lekodisa ka dikgang dingwe tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng di akaretsa magareng ga tse dingwe dikgwetlho tsa tlhaelo ya motlakase, seemo se se sa iketlang sa matlhabelo a dikgomo a BMC, theko ya diteemane le bolwetse jwa tlhako le molomo.
Banni ba metse e ba ne ba atla mananeo a ntshitsweng ke puso jaaka la Ipelegeng le la ISPAAD ba supa fa a tsweletse sentle. Ba tsweletse ka go tlhalosa fa lenaneo la Ipelegeng le thusa morafe fela thata ka go tlhama ditiro tsa nakwana, ba kaya fa le thusa gape le mo go diragatseng ditlhabololo dingwe tsa motse.
Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba ngongorega ka bodiredi jwa maphata mangwe a puso, ba supa fa ba sa ba thuse sentle e bile le gore seemo seo se dia go diragadiwa ga mananeo a puso, segolo bogolo la nyeletso lehuma. Ba ne gape ba ngongorega ka dijo tse puso e di abelang ba ba kobodikhutshwane kgwedi le kgwedi.
Ba re ga di tle ka nako le gone di tla di kgaogane fa mo mabakeng mangwe di tla di le mo seemong se di ka se jeweng e bile di ka tsenya botsogo jwa motho mo diphatseng. Ba ne ba kopa tona go sala morago tsamaiso e dirisiwang go ba abela dijo ka jaana ele kgang e ba tswang kgakala ba ngongorega ka yone mme go sena phetogo epe.
Ba supile fa ba lapisitswe ke go shabela mo mpeng, ka gore ba ba filweng marapo a go ba abela seshabo le ba ba tsisang dijo tse dingwe ga bana lenaneo la gore ba thuse setshaba nako e le nngwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Jan 2014






