Breaking News

Sefako se diretse balemi go swela

21 Jan 2014

E re jaaka puso e tsweletse ka go namola setshaba mo lehumeng  ka go ba thusa ka go ba lemela ka lenaneo la ISPAAD, bangwe ba tlhokile lesego ka ntlha ya dibetso tsa tlholego.

Balemi ba masimo a Tshwaiweng le  Bolote mo kgaolong ya Letlhakeng ba wetswe ke seru bosheng fa sefako le matsubutsubu a gosomanela mo dijwalong tsa bone.

Mongwe wa balemi, Rre Kebonyekgosi Nagafela wa masimo a Tshwaiweng, o  tlhalositse mo potsolotsong fa sefako seo se ba tlogetse ka boitlhobogo ka se digile sa bo sa bolaya dijwalo tsa bone. A re matsubutsubu a tsere matlhaku a baneng ba ageletse ka one masimo.

Rre Nagafela o boletse fa a ne a lemile selekanyo sa diekere di le lesome mme dijwalo tseo di bolailwe ke sefako  tsotlhe ebile a sa solofele gore le fa pula e ka na gape di ka tshela.

Molemi yo mongwe wa masimo a Ditou, Mme Kenna Mariri, o kaile fa a ne a lemile selekanyo sa diekere di le  tlhano mme le ene a sena se a setseng ka sone. Mme yo, o tlhalositse fa tota a ne a solofetse go ipoloka le go itshetsa ka thobo e a neng  a tla e bona. 

A re monongwaga ba lemile ka tshokolo ka ba ne ba lebaganwe ke tlhaelo ya dipeo mme go ba gwetlha go di latela kgakala, a tlatsa ka go supa  fa  bo rraditerekere le bone ba ne ba lela ka tshenyego ya tsone.

Balemi ba, ba tlhalositse fa e le lantlha ba bona tiragalo ya mofuta o mme ba ikuetse kwa go ba temo- thuo ka jalo ba solofela fa ba tla ba tswa thuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanene

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 21 Jan 2014