WUC e tla a nosa Suping
21 Jan 2014
Koporase ya Water Utilities Cooporation (WUC) e rebotswe semmuso go simolola thulaganyo ya go nosa banni ba kgotlana ya Suping kwa Molepolole metsi.
E rile a lekodisa banni ka thulaganyo eo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Mothusa Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, mogolwane wa WUC kwa Molepolole, Rre Kabelo Matebesi a re Suping o tla a nosiwa metsi ka dipompo dile pedi tse di setseng di goketswe.
A re banni jaanong ba tla a bona metsi ka tiriso ya dikhupone tse di tla laolang selekanyo sa tiriso ya metsi. Thulaganyo ya go kwadisetsa banni dikhupone, go tlhalositswe e ya go direlwa fela ba ba nang le ditlankana tsa ditsha le bao bonno jwa bone bo tlhomamisitsweng ka mokwalo ke bogosi jwa kgaolo, go lebilwe gore ba sale ba nna foo pele ga go nna teng ga makgotla a kabo ditsha.
O tsweletse a tlhagisa banni fa koporase e ya go dira gotlhe mo e ka go kgonang gore metsi a dirisetswa se se lebaneng mo malwapeng fela, mme e bile ba sena go letla thulaganyo epe ya go nosa leruo, a kaya fa ope yo a ka ikgatholosang se, a tla a bo a itsenya mo mathateng.
Rre Matebesi a re thulaganyo ya go nosa kgotlana eo mo nakong eno, e tla nna go ba isetsa metsi, a re kgokelo ya engine e tla nama e saletse morago ka poifo ya gore e tla bo e sa babalesega. A re khupone tla rekisiwa go simolola ka P10 e le selekanyo sa dilithara tse 5 000 tsa go nosa lelwapa go feta sebaka sa kgwedi fa a dirisiwa ka tshwanelo.
Le fa gontse jalo banni ba supile tlhobaelo ka thulaganyo ya go nosiwa ka tiriso ya dikhupone, ba bona go le botoka go reka metsi a dikotshekara jaaka ba ntse ba dira. Thulaganyo ya go nosa morafe wa Suping metsi e tla morago ga gore lefelo leo le nne le sa kgone go bona ditlamelo gotwe ke masimo.
Mme le tlhomamisiwe go nna nngwe ya dikgotla tsa motse wa Molepolole le jaanong le tla simolola go akola ditirelo tse di bonwang ke mafelo a mo seemong sa lone.
Mothusa tona, Rre Matlhabaphiri yo gape eleng mopalamenete wa kgaolo ya Molepolole Bokone, o supile matshwenyego ka dipalo tse di kwa tlase tsa 300 wa banana ba ba ikwadiseditseng thulaganyo ya Tirelo Setshaba.
O tsweletse a o kgala tsela e lenaneo la Nyeletseletso Lehuma mo kgaolong ya Kweneng le tsamayang ka teng, a akgola dikgaolo di tshwana ya Chobe gore di dira bontle ka kgatelopele e itumedisang.
O gwetlhile ofisi ya ga Molaodi,e eleng yone e tshwereng boikarabelo jwa go lomaganya lenaneo la Nyeletso Lehuma, go itshekatsheka e bo e tle ka methale ya kafa seemo se ka tokafadiwang ka teng mo kgaolong ya Kweneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Jan 2014






