Baagi ba thorontshiwa ke diphologolo
20 Jan 2014
Baagi ba kgaolo ya Tswapong Borwa ba ikuetse kgatlhanong le diphologolo tsa naga tse ba reng di busetsa maiteko a bone a temo-thuo kwa morago.
Ba ntshitse kgang e mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke mothusa tona wa temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi bosheng.
Ba re diphiri le dinkwe di nyeletsa leruo la bone, fa ditshwene, dinoko, dikolobe le dikgaka tsone di nna fela mo masimong a bone. Ba ne ba supa fa ba lephata la diphologolo ba diega go tla go bona le go sekaseka tshenyo ya diphologolo.
Mo godimo ga moo, ba re madi a phimolo dikeledi le one a a diega. Bangwe ba ne ba kopa mothusa tona gore diphologolo di tshwana le phiri, nkwe le noko di tsenngwe mo diphologolong tsa phimolo keledi.
Mongwe wa ba ba neng ba ntsha boikuelo, Rre Sentshegeng Bakae, kwa motseng wa Chadibe, o ne a ntsha la gagwe a re, “ke lemogile sengwe se se thibelang Batswana go itirela matshelo a bone. Mo dipolaseng tse di bapileng le rona ba ruile bophiri, bophokojwe le dikolobe. Fa letsatsi le kotlomela diphologolo tse di tswa mo dipolaseng di tla go senyetsa balemi-barui mme makuku di boele kwa dipolaseng.”
Rre Bakae yo o supileng fa diphologolo tse di ruilweng mo dipolaseng tsa mo kgaolong ya Tswapong Borwa bogolo jang dibatana, di humanegisitse batho ba kgaolo eo. A re go maswabi gore batho ba dipolase tseo ba bo ba ruile diphologolo ka gore dipolase tseo ke tsa leruo la mo gae eseng diphologolo tsa naga. O ne a kopa puso go ba rekela bontlhabongwe jwa dipolase tseo go dira mafudiso ka a setse a tlhaela fela thata.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Ngwapa, Mme Gaongalelwe Sepolwane, o ne a supa fa selelo sa bone se se tona e le go jelwa leruo ke diphologolo tsa naga. Mme Sepolwane a re le fa ba begela ba lephata la diphologolo, ba tla morago ga nako e telele.
“Ba re o beye letlalo; mme fa pula ena o tla le baya mo ntlong kgantele le a senyega kgotsa le bola, le bo le go nkgela mme o felele o le latlhile” a tlhalosa. A re phimolo dikeledi le yone ga etle ka nako.
Bangwe ba ba neng ba supa matshwenyego kwa Moshopha, Rre Tidimalo Moyo le Mme Constance Ramontsho, ba re dikgaka di senyetsa balemi thata. Rre Moyo a re nkwe le yone e ba apesitse kobo ka letshoba. Kwa motseng wa Mokobeng banni ba koo ba re phiri e ba feletsa leruo mme le bone fela jalo ba kopa gore e tsenngwe mo diphologolong tsa phimolo keledi.
Kwa Sefhare, Ramokgonami le Tumasera gone selelo se bo se le sengwefela, ba lela ka diphologolo ba re di ba tsisetsa bohutsana mo go tsa temo-thuo. Fa a tsibogela selelo se, mogolwane mo lephataneng la diphologolo mo kgaolong ya Machaneng, Mme Gaboutwele Tshukudu, o ne a kopa balemi go tswelela ba dirisa metlhale ya bogologolo ya go tshosa diphologolo.
Mme Tshukudu o ne a supa fa go tlhoka dikoloi mo kgaolong ya gagwe e le gone go dirang gore ba palelwe ke go fefogela dikgang tse di amang balemi-barui di tshwana le tse; a supa fa ana le dipego di le masome a marataro le botlhano mo nakong eno tse di sa tsibogelwang, tse dingwe ele tsa pele ga kgwedi ya phalane wa ngwaga oo fetileng.
“Le phimolo keledi gore ba e bone go nna dingalo, gongwe ka lesego motho a bo a boloka madi mo bankeng nngwe ...” Modiri ka ene, yo o eteletseng pele lephatana la twantsho bogodu jwa diphologolo kwa Mathathane, RreThekiso Thekiso, ene o supile matshweyego ka bogodu jwa diphologolo, jo a reng bo ile magoletsa. Borukuthi jo, a re gantsi bo dirwa ke banana, ka jalo a kopa batsadi go tshwaragana le bone go bo lwantsha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2014






