Batsadi le bana ba mo ketsaetsegong
20 Jan 2014
E rile fa dikole di bulwa, batsadi le bana ba sekole se se botlana sa MCathys’ Rust kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba bo ba le mo ketsaetsegong morago ga gore bana ba lekwalo la bone ba bo ba sena kwa ba yang go tsweledisetsa dithuto tsa bone teng.
Se se boletswe bosheng ke mokhanselara wa MCathy’ Rust, Rre Sam Brooks mo phuthegong e a neng a e biditse ya batsadi le barutabana morago ga gore batsadi ba supe ngongorego.
Mo puisanong bosheng, mokhanselara o tlhalositse fa sekole seo se ne sa agiwa morago ga go lemoga fa bana ba motse oo ba sokola ka ba ne ba tshwanelwa ke go latela sekole kwa Tsabong, dikhilomethara di ka nna masome a mabedi le botlhano.
Rre Brooks yo gape e leng modulasetilo wa Khansele potlana ya Kgalagadi, o ne a tswelela ka go tlhalosa fa sekole seo se butswe ngwaga oo fetileng ka go amogela bana ba lokwalo lwa ntlha go ema ka lwa boraro.
A re mo ngwageng o, bana ba le lesome le bosupa ba lokwalo la boraro ba ne ba tshwanetse go dira lekwalo la bone, mme sebe sa phiri ke gore ga gona phatlha ya mophato wa bone kwa sekoleng seo. Mokhanselara o ne a supa ba lephata la thuto ka monwana go bo ba sa dira dipaakanyo dipe gole pele go baakanyetsa bana bao diphatlha.
O ne a kaya fa jaanong bana bao ba tla boela kwa seemong sa bone sa pele sa go tlhoka go tsena sekole sentle ka ntlha ya go tsamaya sekgele se seleele ba ya sekoleng.
Le fa go ntse jalo o ne a kopa batsadi go nna le boikarabelo mo dithutong tsa bana ba bone, ka go ya go kopela bana ba bone diphatlha tsa lokwalo lwa bone kwa dikoleng tse dingwe jaaka sekole se sebotlana sa Tsabong, Seetelo le Nhake.
Rre Brooks o ne a bolelela batsadi bao fa boeteledipele jwa kgaolo le ba lephata la thuto ba tla buisana le go tswa ka tharabololo ya seemo seo, mme a ba kopa go nna pelotelele.
O ne a supa fa morago ga phuthego eo batsadi ba motse ba ne ba le sebete se molangwana ka dikgwetlho tse ba yang go kopana le tsone di tshwana le dipalamo. Maiteko a go buisana le molaodi, mogokgo le boeteledipele jwa thuto mo kgaolong eo a ne a itaya sefololetse ka ba ne ba seo ka mabaka a tiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 20 Jan 2014






