Inaakanyeng le makgotla a dikoporase
19 Jan 2014
Mopalamente wa Kgaolo ya Shoshong Rre Phillip Makgalemele o kopile banni ba motse wa Bonwapitse go simolola dikgwebo tsa dikoporase ka e le tsone tse di ka tlhabololang matshelo a bone le go bulela banana ba motse oo diphatlha tsa mebereko.
Rre Makgalemele o boletse se mo phuthegong ya kgotla kwa Bonwapitse gore e le banni ba motse oo, ba ka ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka adimang madi kwa bankeng ya ditlhabololo tsa setshaba go simolola dikgwebo tsa dikoporase di tshwana mabogodika,,baji-bareki le theko le thekiso.
A re, e re ka itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka temo-thuo, o rotloetsa batlhophi ba kgaolo ya gagwe go simolola dikgwebo tsa dikoporase tse di ka itebaganyang le go rekisa di dirisiwa tsa temo,melemo ya leruo,dijo tsa dikgomo le go reka diterekere tse ba ka di dirisang go lemela Batswana ka lenaneo la ISPAAD.
Mopalamente o tsweletse ka go kgala a menne phatla Batswana bangwe ba go bolelwang ba tsweletse ka go rekisa ditsha tse ba di abetsweng ke makgotlana a kabo-ditsha, mme morago ba ye go kopa ditsha tse dingwe ntswa lefatshe lone le sa gole.
Rre Makgalemele yo a neng a araba selelo sa ga Kgosi Tlotswana Tshegang yo a neng a supa matshwenyego ka batho ba ba rekisang ditsha tsa bonno phetelela,,o tlhalositse fa Tona wa lephata la Ditsha le Matlo Rre Lebonaamang Mokalake a tlhomile lekoko le le sekasekang dikgang tsa go tlhoka go abiwa sentle ga lefatshe.
A re maikaelelo ke go dira molao o tla kgoreletsang batho ba ba rekisitseng ditsha tsa bone go abelwa ditsha tse dingwe ka jaana go lemogilwe fa batho bangwe ba gweba ka go rekisetsa batswakwa lefatshe ntswa gona le Batswana ba ba santseng ba tlhoka lefatshe la bonno.
Mo phuthegong eo banni ba Bonwapitse ba iteetse barutabana ba sekole se se botlana sa motse oo legofi go bo ba dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo la bosupa ngogola, mme ba re ba ka leboga go menagane fa ba ka tswelela ka go dira jalo le mo dingwageng tse di tlang.
Le fa ba itumeletse ditlhabololo tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng mo motseng wa bone,ba kopile go agelwa ntlwana ya poso, go gokelelwa motlakase mo dikagong tsa puso di tshwana sekole se se botlana,kokelwana, ofisi ya kgotla gammogo le go okeletswa dipompo tsa metsi ka jaana motse wa Bonwapitse o gola tsatsi le letsatsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : BONWAPITSE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 19 Jan 2014






