Kgosi o ngongorega ka ditsela
19 Jan 2014
Kgosi Kooganne Modisapudi wa Moralane kwa kgaolong ya Shoshong a re ga a jesiwe diwelang ke seemo sa tsela ya Mosolotshane –Moralane. O buile se mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Phillip Dikgang Makgalemele bosheng.
Kgosi o boletse fa seemo sa tsela eo se sa ba itumedise gotlhelele. A re tsela eo e ba senyetsa dikoloi ka puso e tsaya sebaka go e gopa. Kgosi one a tswelela ka go kopa puso gore e leke go gopa tsela eo gangwe fela mo kgweding tse tharo go leka go tokafatsa seemo sa yone.
Kgosi Modisapudi o ne a supa fa a ngogoregela kokelwana ya motse wa bone. O boletse fa kokelwana eo e butswe ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2010 mme e sena koloi go fitlha mo nakong e. O boletse fa go tlhoka koloi ga kokelwana eo go ba jesetsa mo lesweng ka batho ba motse ba latlhegelwa ke matshelo. O kaile fa bogodu ja leruo bo le bontsi fela thata mo motseng wa gagwe, a tlatsa ka gore magodu a utswa thata dihutshane .
A re magodu ao, a rekisetsa ba LIMID dihutshane tseo mme o kopile ba sepodisi go tswa ka ditselana tsa go leka go thibela bogodu joo. E rile a lekodisa phuthego ka ditlhabololo tsa motse, moemedi wa VDC Rre Ofentse Badirile a akgolela puso go dira gore dipilisi tsa ARV di kgone go tsewa mo motseng wa bone.
A re lantlha ba ne ba bolawa ke mosepele wa go di latela ko Shoshong mme jaanong malatsi ano go motlhofo ka di tsewa mo kokelwaneng ya Moralane. Fa araba ngogora ya ditsela, Rre Baraedi Nnanaakoko go tswa ko lephateng la ditsela a re o itse seemo sa tsela ya Moralane mme a bolela fa puso e leka ka gotlhe go tokafatsa seemo sa tsela eo. Rre Nnaanaakoko a re lephata la gagwe le tlhaelelwa ke dikoloi tsa megobagoba tse di dirisiwang go gopa tsela .
O ne a solofetsa setshaba gore e tla a re kgwedi ya Tlhakole e le fa gare, tsela eo e bo e gopilwe go tokafatsa seemo sa yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Atang Mosinyi
Location : MORALANE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 19 Jan 2014






