Ba gakolotswe go fetola boitshwaro
19 Jan 2014
Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Borwa Rre Lebonaamang Mokalake a re o tshwenngwa ke boitshwaro jwa banni bangwe ba motse wa Letlhakane ba ba sa tlotleng tsamaiso ya kgotla.
Matshwenyego a, o a supile fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng gone kwa Letlhakane. Rre Mokalake a re kgotla ke lefelo la morafe le le dirisediwang go tsaya ditshwetso tse di agang motse, ka jalo go botlhokwa gore batho ba itshware ka setho le gone go tlotla tsamaiso ya lefelo le.
O supile gore e ne yare ka loeto la ga Tautona Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama ngogola, bangwe ba seka ba itshwara sentle mo kgotleng mme ba kgoreletsa tsamaiso ya phuthego. A re seemo seo, se ne sa pateletsa Tautona go roma mothusi wa gagwe Dr Ponatshego Kedikilwe go tla go feleletsa loeto lwa gagwe ka banni ba ne ba supa fa ba na le matshwenyego a saletseng morago mme a tlhoka go rarabololwa.
Rre Mokalake o kgadile a sa kgwe mathe boitshwaro jo, a supa fa bo diga motse seriti le gone go kgoreletsa bagwebi ba ba ka thusang go tswakanya itsholelo go ka bula madirelo a ka tlhamelang morafe ditiro mo motseng wa Letlhakane. A re maitsholo a mofuta o, a ka diga itsholelo le serodumo sa motse ka gore bagwebi le bajanala ga ba ka ke ba eletsa go etela lefelo le le senang tsamaiso e e lolameng.
Kgosi Ewetsemang Rethatoleng le ene one a supa fa a tshwenngwa ke boitshwaro jwa banni bangwe ba motse wa Letlhakane. Kgosi Rethatoleng o ne a kgalema thata, a kopa morafe go sala tsamaiso morago gore ba kgone go tswelela le gone go dira ditiro tsa motse ba tshwaraganye. A re o gakgamadiwa thata ke mafoko a dirisiwang mo kgotleng a a sa supeng popagano.
Kgosi Rethatoleng a re o tshwenngwa thata ke boitshwaro jwa banwi ba bojalwa le barekisi ba jone ka gore ba tsosa modumo mo motseng. A re go rekisiwa bojalwa ka nako tse di sa letlelelweng ka fa molaong, fa bangwe ba tlola tsamaiso ya teseletso ya dikgwebo tsa bone.
O kopile ba lephata le le laolang modumo le thekiso ya nnotagi “byelaw” go ema ka dinao go lwantsha seemo se go lebegang se tla senya selebego le leina la motse. A re le fa melao e tsena mo tirisong morago ga go rerisa setshaba, se se tshwenyang ke gore ba ba filweng tiro ya go bona gore molao o a diragadiwa ba file tshwene marapo.
Rre Mokalake o kgothaditse badirela-puso ba ofisi e lebaganyeng le go laola modumo le nnotagi go ema ka dinao le go tshwaragana le ba bogosi gammogo le sepodise go busetsa seemo mo taolong.
A re ofisi ya “byelaw “ e na le thata ya go laola seemo se go lebegang se bifela pele se. O ne a gakolola batsadi go ema ka dinao go tlhomamisa gore bana ba nna le boitshwaro jo bo eletsegang mo setshabeng le gone go tlotlomatsa leina la motse ka go dira ba tshwaraganye le bogosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe le Motlatsi Matsididi
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 19 Jan 2014






