Ba Goo-Tawana ba a itharabologelwa
19 Jan 2014
Batawana ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo go dira ba le seopo sengwe ka maikaelelo a go somarela lefatshe la bone le matlotlo a lone.
Tumalano e, e dirilwe mo phutegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Tawana Moremi yo o neng a lekodisa banni ka dikgang tsa palamente le gone go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong ya palamente ee tlang. Banni ba supa fa lefatshe la bone le tlaa ba tswa diatleng mme ba felele ba nna batshabi mo mafatsheng a a mabapi.
Ba re go ngomola pelo gore e bo lefatshe la bone le le mo diatleng tsa batho ba ba tswang kwa dikgaolong di sele le ntswa borabone mogolo ba ne ba le somaretse ga mmogo le matlotlo a lone. Ba re le ntswa mopalamente wa bone yo gape eleng kgosikgolo a tshware ka natla go emela dikeletso tsa bone kwa palamenteng, go botlhokwa gore morafe le one o mo eme nokeng ka jaana a ka se kgone a le nosi.
Banni ba re kgaolo ya bone e humile dilo tsa tlholego tse di ka tokafatsang itsholelo ya bone mme go lebega ba phuthile mabogo fela go sena sepe se ba se dirang le ntswa kgaolo ya bone e itsege thata ka go aparelwa ke lehuma la nta ya tlhogo.
Mongwe wa banni, yo gape eleng lebutswa-pele la Goo-Tawana Rre Kesielwe Ledimo o ne a tlhalosa fa morafe o sa tshwaragana e bile go sena morero o o tlhapileng. A re fa ba ka dira dilo ka morero seo se tla tsisa kagiso le tlotlo fa gare ga bone mme ba fitlhelele maikaelelo a bone.
Rre Philip Wright le ene o ne a iteela kobo moroko a supa fa tshwaragano le neelano e ka isa kgaolo ya bone kwa mankalekaleng. O ne a leboga mopalamente go bo a bone go tshwanela go tla go ba baya pele mananeo a a dumalwaneng kwa palamenteng a supa fa kgaolo ya bone e aparetswe ke dikgwetlho tse dintsi.
Rre Wright a re nako e tsile ya gore ba ikemele ka dinao ba sireletse matlotlo a bone gore a sologele morafe mosola. A re ba nale makgobokgobo a mantle a go utlwalang jaanong a tla kwadisiwa ke ba lephata la ditso go nna a a sireletsegileng lefatshe ka bophara.
Kgosi David Ramokwena ene o supile fa go le botlhokwa gore go tlhamiwe komiti e e tla gakololang kgosi, a supa fa batla fetwa ke dilo tse di mosola mo kgaolong ya bone. A re ba lemoga maiteko a kgosikgolo ya bone mo go bueleleng lefatshe le matlotlo a bone mme jaanong a re o lemoga gore o tlhoka bathusi.
Kgosi Ramokwena a re gompieno jaana ba tshela le kgomo mme ga e na boleng ka jaana ba aperwe ke leuba e bile bontsi jwa leruo bo sule ka dipalo tse di kwa godimo. A re ene o setse a iphotlhere fela ka tsa gagwe di sule di le 250 ka ntlha ya leuba le bolwetsi jwa tlhako le molomo. A re ba nale dikgang tse di senang ditharabololo le ba matlhabelo a Botswana Meat Commission ka jaana ba ja dikgomo tsa bone sesolo ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase.
A re tona wa temo-thuo o itse ka seemo sa bone ka a ne a ba solofeditse go rarabolola mathata a bone mme nako kgolo ke eno. Le fa go ntse jalo Batawana bane ba amogela mogopolo wa go tlhama komiti e e tla gakololang ba bogosi, ba tlhalosa fa komiti eo e tlaa bo e emetse dikeletso tsa morafe.
E ne e rile go le pele mopalamente Rre Moremi a ba itsise ka melawana mengwe e e botlhokwa e a neng a bolela fa a bona e ka ba sologela molemo kwa Ngamiland. O kopile morafe go ikemela ka dinao go bona gore lefatshe le le humileng le tlhabolola matshelo a bone, a tlatsa ka gore eseng jalo ba tlaa thanya lomapo lo le tsebeng.
O boletse gape fa go sena ditlhabololo dipe tse di dirwang mo kgaolong ya bone ka lenaneo la NDP10 a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso go aga borogo jwa Thamalakane ka bo diriswa ke dikoloi tse ditona tse di tswang kwa dimaeneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 19 Jan 2014






