Breaking News

Puso e tlamega go tseela beng ba leruo dikgato

19 Jan 2014

Puso e tlamega go tseela beng ba leruo le le senyetsang balemi dijalo tsa bone dikgato.Se se builwe ke Mothusa Tautona Dr Ponatshego Kedikilwe fa a ne a buisa phuthego ya kgotla ko Tamasane bosheng.

A re puso e tshwenyegile thata ka selelo sa balemi sa ngwaga le ngwaga ka leruo le le tlogelwang le saila mo masimong ka nako ya temo. A re puso e tlamega go fetola molao gore beng ba leruo ba tseelwe dikgato tse di gagametseng, a re se se tla thusa dikgosi go sekisa dikgang tsa majo.

A re mo nakong eno, beng ba leruo bangwe ga ba tsibogele dikgang tsa majo ntswa puso e dirisitse madi a mantsi go lemela balemi.Dr Kedikilwe, yo gape  eleng mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare a re dikgang di tshwana le tsa bogodu ba leruo di tshwentse Batswana fela thata mme puso e ile ya tsaya kgato ka go dira dikgotla tse di sekisang dikgang tsa bogodu jwa leruo ga mmogo le go nna le batlhotlhomisi ba dikgang tse.

A re dikgotla tse di tsile go thusa barui, bogolo jang ka ba ntse ba lela ka dikgetsi tsa bogodu ba leruo tse di isiwang kwa ga mmakaseterata.

Mo go tse dingwe Dr Kedikilwe o kopile ofisi ya temo- thuo go tswelela ka go ruta balemi ka go ba tlhatlhelela ka temo e e  tlhabologileng .A re maikaelelo a puso ka lenaneo la ISPAAD ke go oketsa thobo le go godisa temo gore e nne kgwebo e Batswana ba ka itshetsang ka yone, ka jalo balemi ga ba tshwanela go ganelela mo segologolong,ba tshwanetse gore ba dirise methale e mesha ya temo jaaka go lema ka ditselana.

O rotloeditse banni ba Tamasane go tsaya temo ka tlhwaafalo, a re temo ke nngwe ya methale e ka tswakanyang itsholelo y aba ya ntsha Batswana mo lehumeng. A re fa temo e godile puso e ka felela e dirile madirelo a go dirwang dijo tse di dirilweng ka thobo e bonweng mo masimong mme se, se tlhamele Batswana mebereko.

Fa a tswa la gagwe Kgosi ya motse wa Tamasane Kgosi Roman Mpule o tlhalositse fa ele boammaaruri dikgomo di senya mo masimong ka gore beng ba dikgomo ga ba di tlhokomele.

A re bothata jo bongwe ke gore beng ba dikgomo ba di hudisa bosigo mme di bone tshono ya go senyetsa balemi dijalo.

Mokhanselara wa motse oo Rre Ketogetswe Sekwati o rotloeditse barui go tlhokomela dikgomo tsa bone bogolo jang ka go na le tiro ya mafaratlhatlha a dipompo tse di tsenngwang go tswa ko Moralane go ya Palapye.A re barui ba tlhokomela leruo la bone le seka la hulela gaufi le fa tiro eo e dirwang teng ka le ka wela mo mesimeng e epilweng.

Fa a lekodisa, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Keolebile Dingalo a re o lebogetse mananeo a puso bogolo jang la nyeletso lehuma le a reng le tsamaya sentle mo motseng.

O lebogetse gape le lenaneo la Ipelegeng le a reng le tla ba kgontsha go dira terata e kgaoganyang masimo le mahudiso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : TAMASANE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 19 Jan 2014