Itsholelo e tlaa tokafala
16 Jan 2014
Puso e lomile molomo wa tlase go batla ditsela tsotlhe go busetsa seemo sa itsholelo mo maemong ka go itebaganya le dikgwebo tse di tshwanang le go tlisa madirelo a diteemane mono gae,go tla ka mothale o o ka tokafatsang seemo sa thekiso ya ditswa-mmung le gone go tlhoma makgotla a a tshwanang le a bo- SPEDU .
Se se tlhalositswe ke Mothusa Tautona yo gape eleng Mopalamente wa Mmadinare Dr Ponatshego Kedikilwe mo phuthegong ya kgotla kwa Diloro. Erile a tlhalosa ka moepo wa kopore wa BCL a supa fa ona le melala e e kolotiwang puso mme a solofela fa e tla duelwa.
O tsweletse a tlhalosa ka dikompone tse di yang go tshwaragenela tsamaiso le moepo jaaka ba Dikoloti, Thuli le BML Nickel kwa Magogaphate. Mothusa Tautona a re moepo wa BCL o ya go tsaya boikarabelo ja go nna boremelelo ja tlhokomelo ya kopore le tshipi .
A re kopore e e tla epiwang kwa Magogaphate, Ghantsi le Dibete e tla tshelwa kwa Selibe-Phikwe kwa go tla tlhomiwang maapelo a yone a a ka amogelang dithane dile 450 000 ka ngwaga,fa tsamaiso yotlhe ya kopore e e sa tlhotlhwang yone e tla feta teng pele fa e ka isiwa kwa mafatshing a sele.
One a tswelela a bolela fa kwa Selebi-Phikwe go tla agiwa fa kopore e tlhotlhilweng e tla felelediwang go phepafatswa teng .
O tladitse ka gore tshipi e e epiwang kwa Bonwapitse le yone e ya go direlwa kwa Selibe- Phikwe, a bo a re go ya go fisiwa ditshipi tsotlhe teng le tsa dikgoropa tsa dikoloi tota.
A re magala fela jalo le one go lemogilwe a ka ntsha mafura a dikoloi a bokete ja dibarele dile 5 000 ka letsatsi, a ka dirisiwang mono gae le kwa ntle ga lefatshe leno .
A re go ya go tlhokiwa bokete ja motlakase wa selekanyo sa go feta 100 mega watts ( +100 mega watts) go thusa mo go itshetleleng ga kgaolo ya SPEDU.
O ile gape a bua ka mosi o o tswang mo moepong wa Selebi-Phikwe o a bolelang fa le one o ya go tlamelwa sentle ka golemogilwe fa o le mosola mme o ka ntsha dithane di ka nna 900 000 tsa motlhakanyo o borai (sulphuric acid).
A re motlhakanyo oo, o ya go thusa mo lenaneong le le akantsweng la moepo wa uranium kwa Serule. Gape acid eo, e tla a ntsha metswako e e farologanyeng ya digase le menontshane, tse le tsone di tla a dirisiwanmg mono gae di bo di isiwe kwa mafatsheng a mangwe.
Fa a latlhela la gagwe ka SPEDU o boletse fa go tshwerwe ka natla go bona gore e thusiwa jang go gokela didiba tsa Motloutse motlakase go simolodisa temo ya nosetso ya diakere di ka feta 1 000.
A re ditsheka tsheko di tsweletse tsa go tokafatsa maemelo a difofane gone kwa Selebi-Phikwe.
O ile a supa fa gona le mafelo mangwe a a ka ngokelang bajanala mo kgaolong ya gagwe a le one a ka tokafatsang seemo sa itsholelo.
Mothusa tautona o ne a abela sekolo se sotlana sa Diloro komputara le dimpho tse a tlhalositseng fa di tla abelwa bana ba sekolo seo.
Mothusa Modulasetilo wa VDC ya Diloro Rre Gaorelatlhe Kebaabetswe o ne a nna le sebaka sa go supa fa bontsi bo lemile mo kgaolong e, a bo a lebogela tse ba thusetsweng ka tsone.
O ile a supa fa ba palelwa ke go tsamaisa tshilo ya bone ya lekgotla mme ba ikaelela go e hirisetsa mongwe. ENDS
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : DILORO
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 16 Jan 2014






