Breaking News

Dintsa di ba apesitse kobo ka letshoba

16 Jan 2014

Banni ba Gamodubu ba re ba apesitswe kobo ka letshoba ke dintsa tse di tsamayang mo motseng di ja dipodi.

Ba re dintsa tse di ba feleditse leruo mo jaanong ba fetogileng batlhoki. Se se builwe mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo, Rre Daniel Kwelagobe bosheng.

 E rile fa a lekodisa Mopalamente ka tsa motse, Mothusa kgosi, Rre Morosi Mothupe, a gatelela gore dintsa tseo di nna mo lesunyaneng ka di lemogile fa di tshwenngwa mo motseng. A re ba tshogela gore di ka nna tsa felela di gobaditse batho.

Kgosi Mothupe o kopile mopalamente wa bone gore a kope puso e ba thuse go lwantsha dintsa tseo ka e bile go sa itsewe gore ke tsa bomang.

Rre Mothupe a re tshenyo ya dintsa tse ke e e sisimosang mmele ka le batho ba ba neetsweng dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma ba iphotlhere.

Fa  a itebaganya le selelo sa dintsa, Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo  o  tlhaloseditse morafe gore khansele e dumalane gore go nne le molawana o o laolang motsamao wa dintsa mo motseng. 

A re maiteko a a khansele a tla leka go lwantsha motsamao wa leruo mo motseng le tsone dintsa tse di sa robatseng batho ba Gamodubu tota.

Fa a tswa la gagwe, Rre  Kwelagobe o lebogetse puso go bo e letleletse batho go lema ba gasa ka go ne go lelekilwe bokgola. O boile a rotloetsa badiri ba Ipelegeng gore ba tlhokomele temo ya bone gore ka lobaka le ba seng mo Ipelegeng ba kgone go itshetsa.

E rile a lekodisa morafe ka tse di tswang palamenteng, a tlhalosa gore lenaneo la kgopo ya metsi aa leswe le tla simolodisiwa mme go ntshitswe madi a a lopang didikadike tsa di milone di le makgolo a mane (P40 million).

O tlhalositse gape gore go setse go goketswe didiba di le nne ko Malwelwe go itebaganya le letlhoko la metsi  mo Molepolole le dikgaolo tse di mabapi, a tlatsa ka gore seemo sa metsi se tla tokafala ka metsi jaanong a lekane le go feta tota. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jan 2014