Breaking News

Tlhokomelang bana - Siele

16 Jan 2014

Mopalamente wa Ngwaketse Borwa, Rre Peter Siele a re o tshwenngwa ke batsadi bangwe ba ba  sa tlhokomeleng bana mme ele bone bokamoso jwa lefatshe leno.

O ntshitse matshwenyego fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metsing ya Molapowabojang le Digawana mo bekeng  eno. A re batsadi  ba tshwanetse go nna kelotlhoko mo baneng ba bone le go tsenya kgalemo mo go bao batswang mo tseleng.

Rre Siele, yo gape e leng Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, a re go utlwisa  botlhoko go bona motsadi  a sa kgathale ka bokamoso jwa ngwana wa gagwe mo go feletsang ngwana a amega mo ditirong tsa borukutlhi  tse dingwe tsa tsone eleng go goga ditagi le gonwa bojalwa phetelela go gongwe go dirwa ke bana ba ba santseng ba le mo sekolong.

A re batsadi  ba ba katswang ba amiwa ke tiragalo eo ba itse fa seemo seo se koafatsa dithuto tsa bana mmme ba di goge kwa mogatleng fa maduo atswa kgotsa ka go tlhoka  lesego ba tlogele sekolo kwa ntle ga mabaka ele fela ka botlhoka tsebe.

Rre Siele a re batsadi bangwe ba setse ba itlwaeditse mogopolo wa gore bana ba ba mo dikolong ke morwalo wa puso le barutabana fela selo se a reng  ga se boammaaruri a gatelela ka gore batsadi  ba lemotshe bana ba bone mosola wa thuto gore baitse fa ele boswa jo bo sa amogweng ope.

 A re go botlhokwa gore batsadi le barutabana  ba nne  le tirisanyo mmogo e ntle le gore batsadi  baitse fa ngwana ele kgetsi ya tsie, a re ke ka moo molao le one oreng ngwana o tshwanetse go tlhokomelwa ke batsadi ba gagwe botlhe.

Mo go tse dingwe rre Siele o boleletse banni ba metse eo fa loeto lwa gagwe  ele go ba lekola mo ngwageng o mosha, go ba lekodisa ka tsa palamente e e fitileng le go utlwa matshwenyego a bone, a re mme ga go monate go bona pula e santse ele boutsana ka seo se supa leuba, a re jaanong go botlhokwa gore setshaba se tswelele ka merapelo ya pula.

Tona o tlhalositse fa ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba  e e fitileng  e sa atlega mme a kopa ba baneng ba sa  ikwadisa go ititaa ka thupana fa ikwadiso  e boelela ka kgwedi ya Tlhakole, ngwaga ono.

Rre Siele o tsweletse a re erile ka  kgwedi ya Ngwanatsele fa Tautona a ntsha tekodiso ga supega fa itsholelo ya Lefatshe leno e isi e itshetlele, mme gone maiteko a puso a go inola Batswana mo lehumeng  a tsweletse.

A re mme gone go botlhokwa gore Batswana badire tiro ka botswapelo mongwe le mongwe fa a tsentseng tlhogo teng godira tiro ya go itshetsa a re o bua se ka  go supegile Batswana ele batho ba ba itlotlang mo mafatsheng a le 148 a aneng a sekasekwa  mme se se tlhabisang ditlhong ke gore fa go kanokwa Mafatshe ka godira tiro ka botswapelo Botswana o di goga kwa mogatleng.

Erile banni ba metse eo bantsha la bone, ba Molapowabojang ba bolelela tona  fa ba le bo thulaganyong ya go ipelela dingwaga tse di lekgolo motse wa bone o ntse o le teng, mme ebile moono ele gore lolwapa longwe le longwe lontshe lekgolo la dipula go rotloetsa tiro eo e e solofetsweng go tshwarwa ka kgwedi ya Phatwe ngwaga ono.

Ba ngongoregile ka tsela e e dirwang goya kwa kgotleng ba re tiro ya yone e bonya thata yone le kago ya lobo lwa kgotla, ba re le mananeo a nyeletso lehuma a saletse kwa morago mo motsing wa bone, mme ga gona tekodiso epe. Ba kopile gore Tautona a ba etele gotla go mo lebogela metsi  lefa a le boutsana ba bolela fa a ne a a ba solofetsa e santse ele mothusa Tautona mme a nna teng.

Kwa Digawana ba ngongoregile ka ditsela tse di sa tsamaegeng  le tlhaelo ya metsi, ba supile matshwenyego ka motse wa bone ba re ke mongwe wa metse e metona mme ga o gole ka go sena kwa o katologelang teng, ba re ba kopa gore Tona a ise selelo sa bone kwa Lephateng le le maleba go tsaya kgato.

Tona Siele o ne a lebogela banni ba Molapowabojang go rulaganyetsa matsalo a motse wa bone a dingwaga tse di lekgolo,a re ba baneng ba le teng pele mo motsing oo go tsena gompieno ba tlaa bolela ditso tsa motse oo le Lefatshe ka bophara tse dingwe tsa tsone eleng ditlhabololo tse di ne di seyo pele mo motsing oo, mme gompieno di kgatlha leitlho, jaaka mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo tsa boranyane jwa Internet.

O kopile Molaodi go kopana le maphata a a amegang go tshwara phuthego le banni ba Molapowabojang go utlwa mathata a bone mabapi le lenaneo la nyeletso lehuma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jan 2014