Breaking News

Puso e tlaa ithola tsamaiso ya NDB

16 Jan 2014

Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlhogile Tshireletso, a re puso e sekaseka mogopolo wa go ithola tsamaiso ya banka ya ditlhabololo tsa setshaba (NDB) ka maikaelelo a go neela Batswana sebaka sa go reka diabe mo bankeng eo.

O boletse se mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa Mookane le Palla-road bosheng. One gape a kopane le dikomiti tsa ditlhabololo, dikomiti tsa balemi-barui, makgotla a batsadi le barutabana le dikomiti tsa badirelapuso.

A re fa puso e ka ithola tsamaiso ya banka ya NDB, Batswana ka bongwe ka bongwe le balemi-barui gammogo le bagwebi ba ka kgona go reka diabe mo bankeng eo go tokafatsa matshelo a bone le go bulela Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko.

Mme Tshireletso o boletse fa nako e gorogile gore Batswana ba simolole go tsena ka mmetela mo dikgwebong di tshwana le mabenkele a Spar, Choppies le dibanka tse a tlhalositseng fa di ka ba direla dipoelo tse dintsi le go tsosolosa itsholelo ya lefatshe leno e ntseng e ikaegile ka thekiso ya ditswa-mmung.

E rile a itebaganya le dikomiti tsa ditlhabololo, makhanselara, magosi le badiri ba lephata la boipelego, a ba kopa go tseela dikgato babereki ba Ipelegeng ba go bolelwang ba tsena thari kwa tirong, go nwa majalwa ka nako ya tiro le go dirisa dithoto tsa khansele botlhaswa.

A re badiri ba Ipelegeng ba ba berekang ka go itsemeletsa ba tshwanetswe ke go tseelwa dikgato tse di gagametseng ka go kgaolelwa madi kana go seegelwa kwa thoko mo tirong, ka go dira jalo ga bone ele tshenyetso setshaba e tautona le mmuso wa gagwe ba e ilang go menagane.

Mabapi le lenaneo la tlhokomelo batlhoki le bana ba masiela, mopalamente o tlhalositse fa babusi ba lefatshe leno ba tlhokisiwa boroko ke dikgang tsa batho ba go bolelwang ba itirisetsa dijo le diaparo tsa bana ba masiela, mme a bolela fa go dira jalo go le kgatlhanong le molao.

Fa ba akgela, banni ba Mookane le Palla-road ba ne ba supa ka menwana bagwebi bangwe ba ba neetsweng go ka phakisa batlhoki le masiela dijo ka jaana nako le nako ba sa kgone go neela bao ba ba lebanweng ke mophako dijo tsa bone di le mmogo ntswa khansele e ba duela.

Ba kopile gore bagwebi ba ba tsietsang batlhoki le masiela ntswa khansele e ba duela, ba ntshiwe mo thulaganyong ya go phakisa batho dijo ka jaana ba ja mmuso ntsoma.

Mo diphuthegong tseo, batsadi ba Mookane le Pallroad bane ba akgolela mmuso dithuso tse o ba thusang ka tsone ditshwana le lenaneo la Ipelegeng, lenaneo la go nyeletsa lehuma, go lemela Batswana mahala le go ba thusa go agelela masimo ka lenaneo la LIMID. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : PALLA-ROAD

Event : Phuthego

Date : 16 Jan 2014