Maele o lekola Malaka le Lecheng
15 Jan 2014
Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele, o lekodisitse morafe wa Malaka le Lecheng ka melao e metlhano e e fetisitsweng ke phuthego ya palamenteng e e sa tswang go wela.
Rre Maele a re melao eo e akaretsa wa lekgotla legolo la ditsheko tsa lefatshe, o jaanong o tlaa akaretsang dikgang tsa ba kabo ya lefatshe mo ditoropong, le gore jaanong ba diposo le ba banka ya Botswana Savings (BSB) ba kopane.
One gape a tlhalosa ka melao e e dirilweng e ama Botswana Building Society, e a kaileng fa go ya ka molao oo e tla bereka jaaka dibanka tsa kgwebo tsa bo Barclays, fa ba banka ya ditlhabololo ya setshaba (NDB), e fetotswe go nna e e ikemetseng ka nosi mme e tlaa bitswa National Development Bank Limited (NDBL).
Fa a tswelela, a re jaanong dipoelo tsa puso mo NDBL e ya go nna 51 per cent, fa 30 per cent e tlaa nna seabe sa Batswana, 14 per cent a kgaoganngwe batswakwa le kompone tsa beng gae, fa 5 per cent a tlaa salela bodiredi jwa banka eo.
Mopalamente o tlhalositse fa molao wa botlhano one o itebagantse le tiriso ya boranyane jo jaanong batho ba bo dirisang go tsietse le go ja Batswana ntsoma. A re go tlaa tlhomiwa leitlho go bona gore a boranyane bo dirisiwa sentle go solegela Batswana molemo ka fa tshwanelong.
O ne gape a supa fa gona le molao kakanyetso o o tlaa buisanngwang mo palamenteng e e latelang, eleng wa lenyalo la Setswana kana la sekgowa; o o tlaa fang banyalani go ka fetola mofuta wa bone wa nyalo ba ntse ba le mo lenyalong go somarela ditsa bone, jaaka gona le mefuta e mebedi ya manyalo; wa tlhakanelo dithoto le o go sa tlhakanelweng dithoto.
O tlhalositse fa molao o o ya go fa banyalani sebaka sa go buisana, mme fa ba dumelana ba bo ba ka fetola ka go tlatsa dipampitshana ba ntse ba le mo lenyalong, a gatelela gore batho ba nne podimatseba ka molao ke lemao le le ntlha pedi; a re o siame fa o dirisiwa sentle mme gape go ka nna le mathata fa o sa dirisiwe sentle.
Rre Maele o ile a tsaya sebaka sa go fa batlhophi ba kgaolo ya gagwe mogopolo wa go simolodisa lekgotla la diphitlho mo kgaolong ya bone, go thusa batho ka nako tsa dintsho. A re o lemogile gore batho ba a sokola fa gotla gore ba fitlhe ba masika le ditsala, a tlatsa ka gore moono o o ka thusa fela thata.
Morafe kwa metseng eo, o ne wa galeletsa mopalamente wa bone fela thata, ba re o maoto a bofefo, fa ba mo roma o diragatsa dithomo tsa bone. Bane gape ba supa fa dipula tsa bosheng di tladitse matamo le matsha, gape ba kgonne go baya ditema.
Ba re le fa tsotlhe ekete di apere tshiamo jaana, sebe sa phiri ke madi a peeletso a ba a duedisiwang ke bo raditerekere a P200 fa godimo ga P400 o ba mo duelelwang ke puso. Ba re seo se a ba babalela ka ga bana madi, mme ka gone go batla go tshwara bokgola, ba itatlhela fela. BOKHTULO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MALAKA/LECHENG
Event : Tekodiso
Date : 15 Jan 2014






