Breaking News

A go a ila o sule

15 Jan 2014

Dkgosi dingwe mo kgaolong ya Kweneng di ntshitse matshwenyego ka go sa tlotleng  meila ya ngwao.

Fa ba bua mo potsolotsong bosheng, ba tlhalositse fa mo nakong ya gompieno batho ba sa ikaega thata ka ngwao le meila ya bone.

Mothusa Kgosi kwa Gabane, Rre Sello Pule o boletse fa mo Setswaneng go na le meila ee salwang morago mo losong kgotsa fa motho a tlhokafaletswe ke molekane.

O kaile gore ka ngwao ya Selete, motho yo tlhokafaletsweng o lemogwa ka kapari ee faphegileng.  A re seo se itsege jaaka go roula mme e le go ilela mme kgotsa rre yo motho a neng a le mo lenyalong le ene.

O tsweletse a re mme yoo tlhokafaletsweng ke rre o apara bontsho go tswa kwa setlhakong go felela kwa tlhogong. A re  rre ene o nna fela a rwele mo tlhogong le fa a tsena mo lefelong le go sa rwalweng, ene o tlaa lemogwa ka go rwala.

O boletse fa kapari eo, e direlwa gore motho a lemogwe ke batho ka jalo ba mo thuse fa go tlhokega ka jaana fa motho a le mo seemong seo a sa dire tiro nngwe le nngwe.

Mothusa Kgosi Pule o nankotse gore motho yoo swetsweng ga a tshwanela go tsaya sepe ka letsogo a supa fa seo ele moila. A re gompieno batho ga ba tseye meila le ngwao tsia jaaka go apara bontsho fa ba swetswe.

O ne gape a supa matshwenyego ka banana a bolela fa go le gantsi e le bone ba sa tseyeng ngwao le meila tsia. A re fa motho a tlhokafaletswe a bo a sa sale tsamaiso eo morago go na le ditlamorago mo botshelong jwa gagwe.

Fa a akgela ka kgang eo,kgosi ya motse wa Gakuto mo kgaolong ya Kweneng Botlhaba, Rre Abdul Letlamma a re go botlhokwa go sala  meila morago fa motho a tlhokafaletswe. A re seo ke go iletsa ditlamorago jaaka dibetso tsa tlholego tse di akaretsang dipula tse di sa neng sentle le pula ya sefako se sentsi.

O tlhalositse gore mo ngwaong ya Sekwena motho wa mme yo swetsweng o apara kapari e ntsho sebaka sa ngwaga. O supile fa mo malatsing a gompieno batho ba beile thata mo tumelong.

A  re bangwe ga ba dire ngwao ya go roula le fa e le go beola moriri fa ba tlhokafaletswe,a tlatsa ka gore seo ke ka ntlha ya diphetogo tsa sesha gammogo le tumelo tsa dikereke.

Go ya ka mothusa kgosi kwa Gabane Rre Pule le Kgosi ya Gakuto Kgosi Letlamma, matshwenyego ke gore seriti sa ngwao se a nyelela ka bonya, ka jalo ba supa fa go le botlhokwa gore Batswana ba obamele tsamaiso kgotsa meila ya Setswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : MOLEPOLOLE

Event : Puisanyo

Date : 15 Jan 2014