Modulasetilo o kgala thekiso ya ditsha
14 Jan 2014
Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre France Van Der Westerhuizen, o ngongoregile ka batho ba ba tsweletseng ka go rekisa ditsha tse ba di abetsweng ke lekgotla la kabo ditsha le ntswa lefatshe le tlhaela.
Rre Van Der Westerhuizen o buile se bosheng mo moletlong wa kabo dietsele oo neng o diretswe badiri ba lekgotla leo ba ba dirileng ka bonatla mo ngwageng wa 2012/2013.
O ne a kopa lekgotla leo go tlhagisa setshaba go tlhokomela lefatshe ka e le mpho ya Modimo, a tlhalosa fa le tshwanetse go tlhokomelwa sentle fa motho a le abetswe e seng go le rekisa; ka jaana le tlhaela.
Modulasetilo, Van Der Westerhuizen o ne gape a gwetlha ba lekgotla la kabo ditsha mo Kgalagadi go tswelela ba dira ka boineelo, bopelotelele le lerato mo ditirong tsa bone tse di farologanyeng, ka seo se ka thusa thata go tshegetsa maduo a ba a supileng; e leng maemo a bobedi mo makgotleng a kabo ditsha a le lesome le bobedi mo lefatsheng leno.
O ne a phophotha legetla ba lekgotla la kabo ditsha go bo ba tsholeleditse serodumo sa lekgotla leo kwa godimo mo ngwageng wa madi wa 2012/2013 le ntswa ba na le dikgwetlho di akaretsa ditsela tse di sa siamang le letlhoko la boroko.
Modulasetilo o ne a boa a kgothatsa ba ba tsereng dietsele go tswelela ba dira ka bonatla mo ditirong tsa bone mme a gwetlha ba ba sa atswiwang ka sepe go dira go feta jaaka ba ne ba dira, le gone go se kgobiwe marapo ke go bo ba itswetse fela.
Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa khuduthamaga ya kabo ditsha, Rre Oatlhotse Hiri, o ne a tlhalosa ka lenaneo la Land Administration Procedures, Capacity and Systems (LAPCAS) le le simologileng ka kgwedi ya Phatwe ngogola, a kaya fa le tsweletse sentle kwa Macheng, mo kgaolong ya Kgalagad Bokone.
Rre Hiri o ne a supa fa maikaelelo a lenaneo le e le go tlhomamisa gore mongwe le mongwe yo o nang le setsha se a kwadisiwa, go rurifatsa mong wa sone, gore se dirisetswa eng le selekanyo sa sone.
Rre Hiri o ne a supa fa lekgotla la bone le lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le letlhoko la madi go tsweledisa mananeo a leng teng, letlhoko la dikoloi , letlhoko la babereki le tlhaelo ya lefatshe.
O ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe le kemonokeng ya motia, ka seo se ba kgontshitse go ntsha maduo a a kgatlhisang. O ne gape a leboga mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha, Rre Nixon Mogapi, yo o fudugelang kwa lekgotleng la kabo ditsha la Ngwato.
O ne a supa fa a dirile go le gontsi mo go tlhomamiseng gore lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi le nna le ntsha maduo a a bonalang. Fa a laela badiri, Rre Mogapi o ne a gwetlha badiri ba lekgotla leo go dira tiro ya bone ka bonokopila ka nako tsotlhe le go dira mmogo ba le seopo sengwe, a gatelela thata gore ba tlotle bagolo ka go dira le bone ka botho.
O ne gape a kopa setshaba go tlhabolola ditsha tsa bone tsotlhe tse di sa tlhabolwang, ka go lemotshegile fa batho ba le bantsi ba kopa ditsha mo Kgalagadi mme morago ba nne maoto a tshupa go di tlhabolola. Baamogela dietsele ba ne ba lebogiwa ka ditlakana le madi a a ka tshwarang P300.00. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Kabo dietsele
Date : 14 Jan 2014






