Breaking News

Maropeng go a boelwa...

14 Jan 2014

Baherero ba ba nnang mo metseng ya Charleshill, Makunda le Karakubis mo kgaolong ya Ghanzi, ba re ba boela gae kwa Namibia.

E rile bosheng, boeteledipele jwa kgaolo ya Ghanzi jwa tshwara diphuthego tsa kgotla mo mafelong a mararo a, e le go tla go rerisana le morafe wa Baherero, go utlwa selelo sa bone sa go fuduga.

Rre Phillip Tjiyapa, yo e leng ene modulasetilo wa komiti ya khudugo mo kgaolong ya Ghanzi, o ne a tlhalosa fa ka palo Baherero ba ba eletsang go boela Namibia ba le 110.

O kaile fa botlhe ka palo ba boletse fa go sena sepe sekgopi se se ba busetsang gae, mme fela e le go boela maropeng kwa ba tsetsweng teng ebile ba tlholega teng. Le fa gone bangwe ba tsholetswe mo Botswana, ba supile fa tota bone ba batla go boela Namibia kwa ba tlholegang teng.

Ba re kana tota go tla Botswana, ba tlisitswe ke dintwa mme ba tlhalosa fa ba masika a bone a setse kwa morago. E rile a ba ema ka lefoko, modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Director Tlharese, a tlhalosa fa therisano le lorato le kabelano megopolo e tlaa dira gore go fuduga ga bone go tsamae ka thelelo.

A re khudugo ya bone e tshwanetse ya pataganelwa ke mafatshe oo mabedi, ebong Botswana le Namibia; ka jaana a re go na le ditsamaiso tse di tshwanetseng go salwa morago. A re ba tshwanetse ba baakanyediwa gore khudogo ya bone e tsamae sentle, ebile ba seka ba tla ba nna le bothata fa ba goroga kwa Namibia.

Rre Tlharese o tlhalositse gore dipuisano ka phudogo di tla nna di tswelela, a re jaanong jaana ba ne ba batla go tlhaloganya gore selelo sa bone ke eng le gore ba ka thusiwa jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GHANZI

Event : Potsolotso

Date : 14 Jan 2014