Ba oketsa metsamao ya dikoloi tsa setshaba
14 Jan 2014
Mo maitekong a bone a go dira gore mongwe le mongwe a kgone go bona sepalamo sa setshaba motlhofo, lephata la ditsela le dipalamo la Mahalapye le okeditse metsamao ya ditsela tse di dirisiwang ke dipalamo tsa setshaba.
Mookamela ditsela kwa Mahalapye, Rre Desmond Dagwi a re tsela ya Mooko e nnile teng morago ga go dira ditshekatsheko.
A re mo nakong eno go ntse go na le sepalangwa se le sengwe sa mini bus se se dirisang tsela eo, a tlatsa ka gore mokgweetsi wa sone o ne a dirisa teseletso ya nakwana fela.
A re boradipalangwa ba bangwe ba setse ba ikopetse go tsaya setshaba mo tseleng eo mme dikopo tsa bone di santse di sekasekwa. Mogolwane yo o tlhatlhobang dipalamo Rre Michael Mazibane a re, tsela e e feta fa matlong a Botswana Housing Corporation, fa ga makaseterata, fa matlong a babereki ba ditlhopho (IEC), fa hoteleng ya Cresta le fa marekisetsong a masha a a tlogang a fela a Flowertown Towers.
A re go na le mogopolo o mongwe wa tsela ya Madiba e e tlaa fetang fa posong ya Madiba o o duleng ka mongwe yo o kgweetsang dipalamo tsa setshaba.
Mo dikgangnnyeng tse dingwe Rre Mazibane o kgadile bakgweetsi ba dithekisi ba a reng ba dirisa maemelo a dibese jaaka ekete ke kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba. A re ga go a tshwanela gore go engwe fa dibese di folosang batho teng, a gatelela gore bakgweetsi ba dithekisi ba tshwanetse go ema kwa maemelong a dipalamo. A re selo se se dira gore dithekisi di kgoreletse motsamao wa dikoloi.
Rre Mazibane o boile gape a kgalela bakgweetsi ba dithekisi go folosetsa batho fa dibese di emelang bapalami teng, a re dithekisi di tshwanetse go isa bapalami kwa malwapeng a bone. A re ke molato gore mokgweetsi wa thekisi a gane go isa mopalami kwa lapeng la gagwe, a tlatsa ka gore go ka felela go dira gore mokgweetsi yoo a tseelwe teseletso ya go kgweetsa dipalamo tsa setshaba.
O kgothaditse bapalami go begela ba ba maleba ka bakgweetsi ba dithekisi ba ba ganang go ba isa malwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 14 Jan 2014






