Dikomiti tsa VDC di kopiwa go emela metse ka dinao
13 Jan 2014
Dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya kgaolo ya Mahalapye botlhaba di kopilwe go dira ka natla mo metseng ya bone ka go farologana.
Se se builwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso jaaka a ne a buisa diphuthego tsa dikomiti tse di farologaneng mo metseng ya kgaolo ya gagwe.
Mme Tshireletso o tlhalositse fa komiti ya ditlhabololo tsa motse e le yone mmamangmang mo motseng e bile e le yone e tshwanetse go tshwara thipa ka fa bogaleng go bona gore tsotlhe di tsamaya ka thelelo mo motseng wa bone.
O ne a re tiro e tona ya ba VDC ke go bona gore motse wa bone o nna le ditlhabologo tse di maleba, a re ka moo ba ikopanye le bodirelapuso ka go farologana go tsaya botsipa jwa go ka tlhabolola metse ya bone.
A re go emela gore mongwe wa matona a puso a tsenye phuthego ga se gone tiro fela mme ba itlhaopetse go nna matlho a morafe ka kakaretso. O ne a re e re ka jaaka kgotlana nngwe le nngwe e na le leloko la VDC, mokomiti o tshwanetse a itse lapa le lapa gore go diragalaeng mme e bile a ka fa dikgakololo kgotsa a ba kopanya le ba dithuso ba ba maleba.
O ne a re mo malwapeng mangwe go batlhoki, bana le bogole, bagodi mme ba sa bone ditshwanelo tsa bone tse di maleba sentle, mme a re ka moo ke gone fa ba tshwanetseng go tlhagelela thata teng, go nna maoto le melomo ya bone.
Ka jalo Mme Tshireletso o ne a ba tlhalosetsa fa ba tshwanetse go ikitlaya ka thupana, a bo a kopa gore ba shafatse megopolo ya bone mme ba tswe ka metlhala mengwe go dira se sepharologanyo pele fa nako ya bone e wela.
A re ba ka shafatsa megopolo ka go inaakanya le bodirelapuso jo bo farologaneng go tsaya megopolo mo go bone mme ba tlhabolole matshelo a ba metse ya bone.O ne a rotloetsa gore ba nne le moono o ba o setseng morago gore ba tsweledise tebelopele ya bone ka manontlhotlho tiro ya motse wa bone.
Mme Tshireletso o ne a rotloetsa mowa wa boipelego a tlhalosa fa go ikaega thata ka puso e se maleba, a tlatsa ka gore puso ka bo esi ga e kake ya kgona go kopantsha matlhoki otlhe a bone.
Le fa go ntse jalo Mme Tshireletso o ne a akgolela ba komiti ya VDC go thusa go tlhapa badiri ba lenaneo la Ipelegeng a tlatsa ka gore gone moo fela go supa e le batho ba tlhwatlhwa.
Fa a itibaganya le ba komiti ya botsadi le barutabana o ne kopa botsadi go ema ka dinao go bona gore a bana ba dira tiro ya sekolo a re bana ga se ba barutabana. Dikomiti di ne tsa lebogela mopalamente wa bone go ba lekola ba le bosi ba re ka moo ba nnile le nako e kgethegileng ya go ithuna dinta. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 13 Jan 2014






