Maele o galaletsa badirela puso
13 Jan 2014
Badirelapuso ba kgaolo potlana ya Palapye ba akgoletswe go tsaya boikarabelo mo ditirong tsa bone.
Se se tlhalositswe ke mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele, mo phuthegong ya bodirela puso e e neng e biditswe go tla go mo fa pego e e tletseng ka botsogo jwa kgaolo ya gagwe.
E ne yare ba mo rolela dikgang tsa kgaolo ya gagwe, bontsi jwa badirelapuso ba supa fa tlhaelo ya madi ele yone e ba paledisang go dira ditiro tsa bone ka manontlhotlho.
Ba re fa madi a ne ale teng, dilelo tsa batho ba kgaolo di tshwana le tlhaelo ya dikoloi le bodiredi; go salela morago ga ditsela tse di lomaganyang metse; tiego ya dikatso tsa bao ba tseetsweng lefatshe le tse dingwe, e ka bo ele selelo sa maloba. Bagolwane ba maphata ba ne ba itoka mogo mopalamente, ba supa fa sengwe se se ba paledisang mo maitekong a bone ele bophara jwa kgaolo tse ba di okametseng.
E rile a latlhela la gagwe, mookamela Lekalana la Dikoloi tsa puso go tswa Mahalapye, Rre Sephiri Molefhi, a supa fa go simolodisiwa ga go ipaakanyetsa dikoloi ke maphata go ba rotse morwalo le gone gore dingwe dikoloi di baakangwe ke makalana a a ikemetseng.
Rre Molefhi a re le fa go ntse jalo, go tsewa ga makalana a khansele ke puso gone ga ba busetsa gape mo go imelweng ke tiro, ka bontsi jwa dikoloi di tsile ele dikgoropa, bogolo jang tsa dikokelo le dikokelwana tse a rileng ke tsone di kgaritlhileng madinyana a baneng ba abetswe go di baakanya le tse dingwe tsa maphata a mangwe.
A re kgwetlho ke gore ditshipi tsa dikoloi dia tura, ka jalo ga ba kgone go emelana le seemo sa go di baakanya ka nako. O boletse fa gape go tsaya nako go bona tsone tse ba ditlhokang kwa ba rekang teng , mo a neng a felela a kopa gore Palapye e nne le mabaakanyetso a dikoloi tsa puso, go fokotsa mosuke o o teng kwa Mahalapye.
Ba dikago ba ile ba supa fa kgaolo ele bophara, mme ba ntsha letshwenyego la gore e bo go sa ntse go dirisiwa dikago tsa Asbestos, tse ba rileng ga di a siamela le jone botsogo tota. Bodiredi jo bongwe jaaka ba ditsela, ba ne ba supa fa tlhaelo ya madi le didirisiwa ele one mathata a a ba paledisang tiro, mme ba supa fa ditsela tse dingwe ba di neetse boradikonteraka, fa tse dingwe di dirwa ke bone.
Ba lephata la metsi bone ba ne ba supa fa ba leka bojotlhe go siela metse ya magae metsi, sebe sa phiri jaanong ya bo e nna gore, fa ba gokela dipompo tsa sesha tsa dikarata tse di nosang morafe, batho ba a di senya; segolo jang kwa motseng wa Majwaneng.
E ne yare a tswa la gagwe mopalamente, a supa boitumelo; gore le fa madi ele sekgoreletsi, bodiredi bo a leka, ga bo a itshopara fela. O ne a lebogela pego eo, a re ke yone therisano, neelano le tirisano mmogo, e le ene etlaa mo kgontshang go araba dipotso tsa mo diphuthego tsa gagwe ka tshosologo, a itse sentle mathata a a teng gona le go abelela fela.
A re moonomogolo wa bodiredi ke go isa ditlamelo kwa bathong, a tlatsa ka gore fa gona le tshwaragano ga go kake ga nna le mathata ape. Fa ntsha malebo, mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Palaye, Rre Boikago Maswabi, o ne a re tshwaragano le tirisano mmogo ya bodiredi, borara le mapalamente, e ka isa lefatshe leno kwa mankalankaleng ka go isa ditlamelo kwa bathong le gone go bona gore mananeo a puso a a diragadiwa ka nako e e tshwanetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 13 Jan 2014






