Go tlhoka dipalamo go kgoreletsa tiro
13 Jan 2014
Letlhoko la dipalamo mo Kgaolong ya Shoshong le supilwe ele lengwe la tse di kgoreletsang go isa ditlamelo mo kgaolong eo.
Fa ba bua le mopalamente wa kgaolo, Magosi a ne a bolelela Rre Phillip Makgalemele gore metse ya bone ga e a ka ya nna le lesego la go fiwa koloi jaaka go ne go solofeditswe, ka lenaneo la gore motse mongwe le mongwe o nne le koloi ele nngwe.
Kgosi Kgotlayame Ntshayakgosi, wa Tobela, a re letlhoko la dipalamo ke kgwetlho mme e bile le kgoreletsa go dira ka natla mo maphateng a a farologaneng a puso. A re dikoloi tsa puso tse di neng di dirisiwa mo dikgotleng di senyegile mme ga di a emisediwa ka dipe, fa tse dingwe di sale di ile go baakanngwa kwa Central Transport Organisation mme le jaana, ga go ope yo o buang sepe ka tsone.
O tsweletse a re bontsi jwa metse e tlhoka dikoloi tse di ka rwalang balwetsi ntswa metse eo ele kgakaka le dipatela tse go romelwang balwetsi teng. A re se se baya matshelo a balwetsi mo kotsing ka gonne ba ka tlhokafala go sa ntse go sianwe le go batla dikoloi. O kaile se e le seemo se se botlhoko, ka fa gongwe go a bo go sena le fa ele koloi e e ka thusang mo motseng.
O kopile gore go nne le koloi e le nngwe motse le motse go thusa mo diemong tse di ntseng jaana. Fa akgela, Kgosi Moathodi Seleka, wa Poloka, o ne a re go tshwanetse bogolo ga nna le koloi ele nngwe motse le motse ka go bo ditsela di sa siama. A re ditsela ga di a siama ka di sa gopiwe mme selo se se senyetse beng ba dikoloi tse di kgonang go thusa go rwala balwetse.
Fa a tswa la gagwe, mopalamente a re o ne kopa tona wa Dipalamo le Ditlhaelatsano, Rre Nonofo Molefhi, go supa fa letlhoko la dipalamo ele bothata jo bo aparetseng lefatshe e bile bo tlhokana le go tsibogelwa ka ponyo ya leitlho.
A re karabo e nnile gore bothata ga se tlhaelo ya dipalamo; ke go sa kgaoganyeng dipalamo sentle ga maphata a a farologaneng. Rre Makgalemela a re le fa go ntse jalo, o tsile go tsweledisa kgang e ka gonne matshelo a batho ba ba nnang mo dikgaolong ke one a leng mo diphatseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 13 Jan 2014






