Breaking News

Tlhaelo ya mapodisi ea tshwenya

13 Jan 2014

Tlhaelo ya bodiredi jwa sepodisi ke nngwe ya mathata a a tshwenyang thata mo metseng mengwe jaaka Gakuto kwa kgaolong ya Kweneng.

Kgang ya go tlhoka mapodisi a a rutetsweng tiro e ntshitswe ke kgosi ya motse, Rre Abdul Letlamma mo potsolotsong bosheng. Kgosi Letlamma o supile fa a sa itumedisiwe ke go tlhaela ga bodiredi jwa sepodisi mo motseng.

A re fa e sale puso e tsaya tshwetso ya go kopanya mapodisi a morafe le a puso, ba sokola thata ka ba setse fela ba sena mapodisi a a rutetsweng tiro mme go na le mapodisi a nakwana fela. O tlhalositse gore mapodisi a ba neng ba na le one mo motseng ba ne ba phatlalala fa yo mongwe a ya go direla kwa lefelong le sele mme yo mongwe a tlogela tiro.

Kgosi Letlamma o buile a menne phatla ka seemo sa go tlhoka bodiredi a supa fa ba sale ba solofediwa gore go tlaa tsisiwa mapodisi mme a re nako kgolo ke eno. O ntshitse ngongora ya go tlhoka go fefosa go thiba phatlha ya bodiredi fa ba bangwe ba tlogela tiro kgotsa ba ya go direla kwa mafelong a sele.

A re mo nakong eno ba bereka fela le mapodisi a nakwana a Special Constable mme a re sebe sa phiri ke gore ba gama ba ikotelela ka go na le tlhaelo ya didirisiwa jaaka koloi. Go ya ka Kgosi Letlamma ba tshwanelwa ke go kopa thuso kwa sepodising sa Mogoditshane.

O tsweletse a re le mororo motse wa Gakuto o sena dipego tse di kalo tsa botlhokatsebe mme go a tshwenya gore go bo go na le letlhoko la bodiredi jwa sepodisi ka motse o setse o godile. O gateletse gore tshireletsego ya morafe e botlhokwa ka jalo mapodisi a botlhokwa thata mo motseng go baya seemo leitlho ka dinako tsotlhe.

O ne gape a akgolela banni go nna le mowa wa bojammogo bogolo jang banana, a tlatsa ka gore maitshwaro a bone ke a a itumedisang. Kgosi Letlamma o ntshitse boikuelo mo pusong go fefosa go tsisa bodiredi fa ba bangwe tswa mo lefelong. A re se se baya morafe ka fa mosing ka ba sa bone thuso e e lolameng fa ba e tlhoka ka go sena bodiredi. BOKHTULO

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 13 Jan 2014