Breaking News

Mothusa tautona o simolodisa kago ya ntlo

13 Jan 2014

Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe, o simolodisitse kago ya ntlo e e tla a lopang madi a a fetang P200 000 kwa Mogapinyana.

Ntlo eo ya dikamore tse pedi, boapeeelo, ntlwana le kwa go tlhapelwang teng, e simolodisiwa jaana morago ga gore ba lekalana la Round Table 64 ba tshwaragane le ba Botswana National Youth Council go tswa Gaborone ba lemoge mongwe yo o tlhokileng lesego mo setshabeng, e leng Mme Gakologelwang Mooketsi, yo o tshelang ka bogole e bile a le kobo di magetleng.

E rile a rola pego mo boleng teng jwa ga mothusa tautona, modulasetilo wa lekalana leo la Round Table, Rre Kutlwano Ratshosa, a tlhalosa fa mokgatlho wa Round Table e le wa borre ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa go masome a mane le botlhano, ba e bileng e le baithaopi, mme ba thusiwa thata ke dikompone le makgotla a a ikemetseng ka nosi, go tsenya letsogo mo ditirong tsa boithaopi tsa setshaba, jaaka go  agela bao ba ba sa kgoneng ebile basena bonno, le ditiro tse dingwe fela ka go farologana.

Mo makgotleng a a tumileng ka go ba tswa thuso, Rre Ratshosa o ne a lemoga seabe sa khamphani ya Knight Pan Africa, e e ntsheditseng kago eo ditena , a tlatsa ka gore ba ya go baya kago eo leitlho go fitlhelela e wela.

Modulasetilo wa lekgotla la BNYC, Rre Metlha Mokwena, le ene o ne a latlhela la mmotlana, a supa fa maikaelelo a bone ele ba lekgotla la banana, a 2010, a ba tlama go emelana le dikgwetlho tsa diemo tsa go tshwana le tsa go fa motho seriti sa bonno. A re ga ba dire jalo ka bana le madi mme ba dira ka lerato, morago ga go lemoga fa batho re sa lekane rese meno.

Fa a tswa la gagwe, Dr Kedikilwe, o ne a re go molemo jang fa gona le bao ba ba lemogang botlhoki jwa ba ba bangwe mme ba bo tsibogele ka go ikanapa go ba tswa thuso. A re ga gona sepe se se molemo segolo bogolo gona le gofa motho seriti ka bonno.

O kaile fa Round Table e le mokgatlho o o emeng ditlhabololo tsa lefatshe leno nokeng, mo ditirong tse difarologanyeng; a supa fa e se lantlha ba dira tiro ya go tshwana le e. Fa itebaganya le Mme Mooketsi, o mo tlhaloseditse fa a tshwanetse go  lemoga  bao ba ba mo nayang seriti sa botshelo, mme ka jalo a ikamogela  a bo a  nne le tsholofelo ya gore bangwe ba aga serodumo le bokamoso jwa gagwe.

 A re o ka lemoga seo ka go sa inyatsa mme a ipopa go itirela bokamoso. “Rele Batswana re morula wa kgothi ele nngwe, a re direng tshiamo, kagiso, lerato, neelano, popagano le tomagano ya setshaba; re nne seopo sengwe mme re utlwalaneng botlhoko.” Mothusa tautona a kgothatsha.

Mothusa tautona one a nna le sebaka sa go jwala setlhare, a bo a supegediwa moalo wa ntlo eo le gone go phetsola mmu, ele gone jaaka a simolodisa kago eo. Fa a tswa la gagwe Mme Mooketsi, wa dingwaga tse di masome a mane le borataro, o ne a kaya fa a itumetse thata go feta selekanyo.

Mme Mooketsi ona le bana ba le babedi; mosetsana le mosimane le ngwana a ngwana . O ne a tlhalosa fa ele mosigi e bile a roka; tiro e a rileng o ka itshetsa ka yone fa a ka bona letlapa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Tshimolodiso kago

Date : 13 Jan 2014