Spar e abela sekole
13 Jan 2014
Ga gona selo se se itumedisang se ba se tlatsa pelo ka boitumelo jaaka go amogela mpho go tswa mo mothong yo mongwe e bile o sa e solofela.
Bana ba sekolo sa Linchwe ba ba tshelang ka bogole kwa Mochudi ba ne ba segofadiwa ka dimpho tsa dibuka le melora go tswa mo khamphaning ya Spar mo Mochudi. E rile mongwe wa bagolwane ba Spar a aba dimpho tseo a supa fa ba araba selelo sa ga Tautona sa go neela ba ba tlhokileng lesego la go nna le dilo tse ba ditlhokang.
Rre Gapolang Botsie a re go neela ke taelo go tswa kwa Modimong mme yo o neelang o segofala go gaisa ene yo o amogelang. A re ka jalo se ba se dirang ke karolo nngwe e ba e ipeileng pele gore ba tla busetsa kwa batswaneng ka ba eme kgwebo ya bone nokeng. Rre Botsie o ne a tlatsa ka gore e er entswa ba ne ba diega gotla mme ba kgone go tlisa tse ba neng ba di solofeditse.
O ne a ema bana ba sekolo seo ka lefoko ka go ba kgotlhatsa gore ba itse gore thuto ke boswa jo ba sa kakeng ba bo lwela le ope mme ka jalo ba e tseye ka tlhwaafalo. Botsie o ne a ba lemotsha fa botshelo e le mosepele o ba kopanang le dikgwetlho mo go jone mme ba seka ba ineela ba tshephe mo modimong.
A re o itse sentle gore ba na le ditalente ka go farologana mmeke tsone tse di ka ba neelang botshelo fa ba di dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng. Rre Botsie a re a lemogile fa bontsi ja bone bo tshela ka go tlhoka pono mme seo ga se reye gore ke phelelo ya botshelo ja bone.
Mongwe wa bana bao Rre Phenyo Matengu a re o lebogela dimpho tseo ka ebile di tla fa neng ba sa di solofela teng. Mokhnaselara wa kgaolo Rre Shaanyana Setoutwe a re ke boitumelo jo bogolo mo go bone gore ka kompone ya Spar ba bo ba bone go tshwanela gore ba neele mo sekolong sa bone.
A re go nna segole ga go reye gore ga o na bokgoni mme a kgotlhatsa bana ba sekolo seo go dira ka natla mo go se ba se kgonang mme ba tla bona maduo a sone. Rre Setoutwe a re o itse ba-na-le bogole ba le bantsi ba ba kgonneng go fitlhelela ditoro tsa bone ka jalo a re o dumela gore le mo go bone o itse gore ba ka kgona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Kabo Dimpho
Date : 13 Jan 2014






