Breaking News

VDC e rwele mekgweleo

12 Jan 2014

Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Phillip Makgalemele a re boikarabelo jwa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo ke go bona gore ditiro tsa ditlhabololo di tsweletse sentle mo metseng.

Rre Makgalemele o buile mafoko a mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa Shoshong bosheng go lekodisa batlhophi ka dikgang tsa palamente e e fetileng le go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong e e tlang ya palamente.

A re go le gantsi dikomiti tsa ditlhabololo mo dikgaolong tse di farologaneng tsa lefatshe leno di phutlhamisiwa ke go tlhoka tirisano mmogo ga maloko le setshaba, go tlhoka go direla dilo mo pepeneneng, go dira dilo ka tshokamo le go itirisetsa madi le dithoto tsa morafe ga maloko.

Rre Makgalemele a re e re ka komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Shoshong go lebega e apesitswe ke madubadube a dikgang tsa go dira dilo ka tshokamo, ke sone se a tsereng tshwetso ya go kopa morafe le ba lephata la boipelego go nama ba okeleditse komiti eo malatsi gore e kgone go iphutha metlhala le go baakanya pego ya madi pele ga e ka ithola marapo.

Rre Makgalemele, yo o tsweletseng le go buisa diphuthego kwa metseng ya Mosolotshane le Moralane, o buile mafoko a fa a ne a tsibogela dingongorego tsa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Lister Tlale yo o boletseng fa go se na tirisano mmogo mo komiting ya gagwe. O bile a bolela fa ba lebagane le dikgwetlho tsa letlhoko la madi, ka jaana ba neetswe boikarabelo jwa go tsamaisa komiti ya ditlhabololo le mororo ya pele e sa kgona go ba neela pego ya madi.

Mo go tse dingwe mopalamente o ne a re, e re ka puso e dumalane go rotloetsa bagwebi ba lefatshe leno go oketsa dithoto tse di dirwang mo Botswana, go mo maruding a bone e le Batswana go nna le seabe mo kgaoganyong madi a setshaba gore le bone ba kgone go imatswa ka go ikopela ditiro tse puso e ikaelelang go di dira mo dikgaolong tsa lefatshe leno mo ngwageng wa madi wa 2014/2015.

E rile morafe o akgela mo diphuthegong tseo, wa akgolela puso go namola Batswana lehuma ka go tsweledisa lenaneo la Ipelegeng, go lemela batho mahala ka lenaneo la ISPAAD, go lwantsha lehuma la nta ya tlhogo ka go rekela batho dihutshane le dikgomo ka lenaneo la LIMID.

Ba ne ba bolela fa sebe sa phiri e le tiego ya go rekela batho dihutshane, tiego ya dipeo le go diega ga didirisiwa tsa Ipelegeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : SHOSHONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Jan 2014