Dikgosi di kopa maiteko a a tseneletseng go lwantsha borukutlhi
12 Jan 2014
Kgosi Paul Mbaeva wa Bodibeng, mo kgaolong ya Bokone Bophirima, o kopile morafe le setshaba ka kakaretso go tshwaragana le mapodise go tiisa maiteko a go lwantsha bogodu jwa leruo.
Mo polotsong bosheng, kgosi o kaile fa bogodu jwa leruo bo le bontsi fela thata mo tikologong ya bone, a tlatsa ka gore magodu a utswa thata dikgomo, dihutshane, dipitse le ditonki. Kgosi Mbaeva a re bogodu jwa leruo bo bolaya matshelo a barui le malwapa a bone, ke ka moo go tshwanelang gore mapodise le morafe ba bereke e le seopo go tila kgang tsa go tshwana le tse.
A re bagolwane ba motse ba dirile maiteko a go tlhagisa barui le morafe ka kgolo kana go anama ga bogodu jo, le ditsela tse di ka dirisiwang go bo lwantsha, mme maiteko a bone ga a ise a ntshe maduo a a nametsang go fitlha jaana.
Kgosi o ne a tlatsa ka gore bontsi jwa dilalome tse di utlwalelwang mo bogodung jo ke bana ba motse; ba e bile ba tsayang leruo le go bonala mme ba le beye matshwao a bone.
“Re na le bothata jo bo tseneletseng golo fa, ka magodu a utswa dikgomo bogolo jang marole ba bo ba a tshwaya ka matshwao a bone, mo go dirang thata gore beng ba leruo ba le lemoge kana ba kgone go supa leruo la bone”, go bua Kgosi Mbaeva.
Kgosi Mbaeva a re seemo se se utlwisa botlhoko ka e bile batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele ka ba itse fa bana ba bone ba amega mo bogodung jo, a tlatsa ka gore seemo se se tlaa bifa fa banni ba ka seka ba se lwantsha go sale jaana.
A re bogodu jwa leruo bo kopakopanngwa ke gone gore barui ga ba dise leruo la bone, mme le felele le tshabelelwa ke go ka utswiwa. Leruo le le utswilweng le, le felela le rekisetswa mabenkele a nama kana dibutshara mo Bodibeng le metse e e mabapi.
Mothusa Kgosi kwa Shorobe, Rre Gaditshwane Mmutle, o ne le ene a ntsha matshwenyego a gagwe tebang le bogodu jwa leruo, jo a reng bo gola thata mo go tsitsibanyang mmele mo motseng wa gagwe le e e mo tikologong.
A re noka e apesitswe ke matlalo a dikgomo le dipodi gammogo le mala. Kgosi Mmutle a re letlhoko la sepagamo kana dikoloi le folodisa maiteko a ba sepodise go potlakela go lwantsha bogodu jwa leruo. A re mo dilalomeng tse, bangwe ke banana. O boletse fa mo bosheng bagolwane ba motse ba ile ba fitlhela matlalo gaufi le megotlha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 12 Jan 2014






