Breaking News

Batswana ba rotloediwa go hirisetsa puso

12 Jan 2014

Mogolwane mo Lephateng la Ditsha le Matlo, Rre Gaokgakala Rabalone, o rotloeditse Batswana go aga matlo a puso e ka a hirisetsang badirela-puso ba ba direlang kwa dikgaolong tsa bone ka jaana ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhaelelwa ke boroko.

E rile Rre Rabalone a akgela mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele, a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya go dumelana le Batswana go aga matlo a ka hirisetswang badirela-puso ba ba direlang kwa metseng ya magae, ele tsela nngwe ya go isa ditlamelo kwa bathong le go nyeletsa selelo sa letlhoko la boroko mo dikgaolong.

A re le fa puso e tsere tshwetso ya go nna jalo, seo ga se reye gore puso e tla hirisa ntlo nngwe le nngwe ka jaana matlo a go nna jalo a tla tshwanelwa ke go kanokiwa ke badiri ba lephata la gagwe pele ga go ka nna le ditumelano tse di tseneletseng, gore e seka yare kgabagare batho ba ba nnang mo matlong ao ba iphitlhela ba le mo sebaka tsatsing.

Rre Rabalone o boleletse batsena phuthego eo gore bao ba ba nang le matlo e bile ba ikaelela go a hirisetsa puso, ba ka ikgolaganya le badiri ba lephata la gagwe kana ba ikgolaganya le balaodi ba dikgaolo tsa bone.

A re batho ba ba tla dumelanang le puso ka khiriso ya matlo ba tla tshwanelwa ke go dira ditumelano tsa ngwaga tse di lesome le botlhano.

E ne e rile gole pele Rre Makgalememe a bolelela batlhophi ba kgaolo ya gagwe fa tautona le mmuso wa gagwe ba dumelane ka mogopolo wa go lwantsha lehuma la nta ya tlhogo le go lwantsha letlhoko la ditiro ka go simolodisa mananeo a tshwana Tirelo-setshaba, Nyeletso lehuma, Ipelegeng, ISPAAD le LIMID, ele tsela nngwe ya go tsosolosa mhama wa temo-thuo ka go ntsha dijo tse di lekaneng.

A re ere ntswa tautona a tsweletse ka go dira mananeo a Batswana ba ka a dirisang go ikinola mo lehumeng jaaka ISPAAD, o tshwennngwa ke go bona Batswana ba goga dinao go dirisa lenaneo leo e bile balemi bangwe ba phuaganya masimo go ya go bereka mo lenaneong la Ipelegeng, fa barui bone ba palelwa ke go tlhokomela leruo la bone mo le felelang le senyetsa ba bangwe dijwalo mo masimo.

Rre Makgalemele o tsweletse ka go bolelela banni ba Shoshong fa ba dirile ditumelano le lefatshe la India le la Aferika Borwa, tsa go tsosolosa mhama wa temo-thuo le go ruta batho ba kgaolo eo go fetlha motlakase wa marang a letsatsi, kwa metseng e tshwana le Ikongwe.

O kgothaditse batho ba kgaolo eo go ikwadisa ka bontsi fa ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba ya bobedi e simologa kgwedi ya Tlhakole ele masome a mabedi le motso go tsena kgwedi ya Mopitlo e tlhola malatsi ale mabedi monongwaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : SHOSHONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Jan 2014