Breaking News

Mogwebi wa Lerala o abela malwapa

09 Jan 2014

Malwapa a batlhoki a le lesome le boferabobedi mo metseng ya Tswapong Bokone e le lesome le boferabobedi a tla amogela malao go tswa go ba Nirali Enterprise kwa Lerala.

Fa a rolela mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele dimpho tseo, mong wa lebentlele la Nirali, Rre Chirag Shah, o boletse fa maikaelelo a gagwe e se go dira dipoelo fela, mme e le go thusa morafe kana setshaba se se thusang kgwebo ya gagwe go tswelela.

Rre Shah o boletse fa gape a ka otlolola seatla go ntsha dimpho tsa baithuti ba lekwalo la bosupa le ba mophato wa boraro ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa bone tsa bofelo mo kgaolong eo.

O ne a kgothatsa batsadi go tsaya karolo e tona mo thutong ya bana ba bone go netefatsa gore ba dira sentle mo dikolong tsa bone tse di farologaneng. A re maikaelelo a go bo a ntsha dithuso tsa mofuta o, ke go kgothatsa baithuti go tokafatsa ka fa ba dirang ka teng, ntlheng e nngwe a thusa puso go atlega mo tebelopeleng ya lefatshe, ya go nna tshaba e e rutegileng e bile e itse ka ngwaga wa 2016.

E rile a lebogela Rre Shah dimpho tseo, Rre Maele a tlhalosa fa kgaolo ya gagwe ya botlhophi e ne e na le batlhoki ba le bantsi. A re dimpho tseo di tla tsisa monyenyo mo difatlhegong tsa malwapa ao, mo metsaneng eo e e lesome le boferabobedi.

Rre Maele a re ofisi ya gagwe e tla bereka thata le ya boipelego go ba thusa go bona bao ba ka thusiwang ka malao a.

O ne a tlatsa ka go supa fa Rre Shah a nnile sekao se se ntle mo go bo radikgwebo mo Lerala. “Re itse fa o dirile se e se ka go bo o na le madi a mantsi, mme ele ka ntlha ya lerato”, Rre Maele a wela.  

Mopalamente o ne gape a akgolela Rre Shah go bo a diretse banana ba Lerala ditiro, a tlatsa ka gore Kgaolo ya Tswapong ke lefelo le bulegileng thata go amogela dikgwebo ka go farologana mme ka jalo a ka otlololela kgwebo ya gagwe kwa metsaneng e mengwe ya kgaolo e.  A re kgolo e e ka godisa itsholelo ya kgaolo ya Tswapong le gone go direla bangwe mebereko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : DAILYNEWS

Location : LERALA

Event : Tholo Dimpho

Date : 09 Jan 2014