Breaking News

Molapowabojang o mo lenyoreng

09 Jan 2014

Kgosi wa Molapabojang mo kgaolong ya borwa o lela sa khuranyo ya meno ka ntlha ya letlhoko le le ntsi la metsi mo motseng wa gagwe.

Kgosi Michael Ratsoma o buile seo mo potsolotsong, a tlhalosa fa ba bone metsi la bofelo kgwedi eno e tlhola gabedi. A re seemo seo se ba baya ka fa mosing, a tlhalosa fa bangwe ba babereki mo motseng ba sa theogele ka ntlha ya go tlhoka metsi. A re se se ngomolang pelo ke gore go lebega ekete ba koparase ya metsi kwa Lobatse ga ba tsibogele seemo seo.

Kgosi Ratsoma a re dikolo di sa tswa go bulwa mme a re o ipotsa gore bana ba dikolo ba ya go tshela jang ntleng le metsi. O supile fa ka nako ya ba nosiwa metsi ke ba khansele ya Borwa letlhoko la metsi le ne le le botoka mme a re nako e tsile ya gore puso e ba busetse kwa khansele eo ka gore ba gomagomediwa ke go nyelediwa ke lenyora.

Mongwe wa banni ba Molapowabojang, Mme Rethabile Johane, le ene o tlhalositse fa go tlhoka metsi go sa ba kgontshe go dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi.

A re gantsi ba gelela metsi ka ditanka go a dirisa mo isagong mme mo go seno sebaka ba setse ba a dirisitse otlhe, a tlatsa ka gore ba kopa metsi mo Lobatse fa bangwe bone ba reka mo marekisetsong a tshwana le Choppies .

Bangwe banni ba motse oo, ba ne ba tlhalosa fa le mananeo mangwe a puso a akaretsang la temo ya merogo a pala, ka ntlha ya seemo sa metsi se se sa ba letleng go dira sepe. Ba re ke mangwe a mananeo a a neng a ka ba tswela mosola fa metsi a ne a le teng.

Banni bao ba supile fa ba kopa metsi kwa metseng e mengwe e akaretsa Digawana le Lorwana, ba tlhalosa fa bangwe ba ba lopa madi go ya go ba gelela metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : LOBATSE

Event : Puisanyo

Date : 09 Jan 2014