Breaking News

Tona o itumelela metshameko ya kgwele

08 Jan 2014

Tona wa banana metshameko le ngwao, Rre Shaw Kgathi  o akgotse metshameko  ya kgwele e e tshamekwang ka Keresemose fa gare ga metse e meraro ya Mabolwe, Semolale le Gobojango (MASEGO) go bo e tlhabolola kgwele ya dinao kwa Bobirwa.

E rile a bua kwa bofelong jwa metshameko eo bosheng, Rre Kgathi a re metshameko eo  e botlhokwa ka e  thusa banana go dira sengwe, go ba itsa go inaakanya le borukutlhi.

O boletse gore metshameko eo e setse e dirile gore batshameki bangwe ba lemogwe ke ditlhopha tsa kgwele ya dinao tse dikgolo mo lefatsheng leno mme di ba kgatlhegele.

O tladitse ka gore metse ya MASEGO in e na le palo e e kwa godimo ya batshameki ba ba nnileng le seabe mo metshamekong ya beMobile le ditlhopha tse dingwe gape. 

Rre Kgathi yo gape e leng mopalamente wa Bobirwa o tsweletse ka go tlhalosa fa  maduo a metshameko eo a setse a bonala mo go thuseng ba bangwe. Metse ya MASEGO e ne ya tlhabantsha borukutlhi ka malatsi a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha.

A re metshameko eo gape e ne ya thusa go tokafatsa itsholelo ya  metse eo ka e ne ya oka bagwebi  ba ba neng ba tla go rekisa dilo tsa bone kwa metshamekong. Ditlhopha tse di neng di tsere karolo mo dikgaisanong tseo e ne e le Brazil le Young Stars go tswa Mabolwe, African Sweepers, Sea Robbers le Seven Stars go tswa kwa Gobojango, Bush Buffaloes,  Soccer XI Highlanders le Power Rangers go tswa Semolale.

Setlhopha sa Bush Buffaloes se e neng e le sone bommampodi se ne sa fenya dikgaisano tseo gape, e le laboraro se ntse se dira jalo. Ba ne ba fenya sa Brazil ka dinno di le tlhano go tse tharo. Metshameko eo e ne e rotloeditswe ke Motor Vehicle Accident Fund (MVA) ka P25 100. Bafenyi ba ne ba neelwa seetsele le P4300. Ba ba latelang ba neelwa P3750 fa Sea Robbers e ne ya tla mo maemong a boraro mme ba bona P3250 fa Soccer XI e ne ya ikgapela P2650.

Ditlhopha tse dingwe ebong Power Rangers, Highlanders, African Sweepers le Young Stars  di ne tsa bona P2200 e le phimolo dikeledi fela.

Batshwara  diphala ba ne ba lebogwa ka P150 mongwe le mongwe fa motshameki yo o neng a nosa dinno tse dintsi e ne  e le Patrick Ngwako yo o neng a neelwa P300. MVA e ne ya abela  balatedi ba ditlhopha dikipa di le 300.

Marvin Mautle wa MVA a re dikgaisano tsa go nna jalo di botlhokwa thata mme di tshwanelwa ke go engwa nokeng ka gore di thusa go fokotsa dikotsi tsa tsela ebile di tlotlomatsa ipabalelo tselelng . O boletse gore batho ba le 408 ba ne ba latlhegelwa ke matshelo ntateng ya dikotsi ka 2013.

Modulasetilo wa dikgaisano tseo Wonder Masebola a re metshameko eo e oka batho ba bantsi mo metseng ya MASEGO mme ebile e gola ngwaga le ngwaga.  A re metshameko eo e ngwe nokeng ke magosi a metse e meraro eo a bo a lebogela banni ba metse eo go dira gore metshameko e atlege. Metshameko eo e ne ya dira madi a a ka tshwarang P55 000 ka madi a go tsena kwa kgorong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : BOBONONG

Event : Metshameko ya metse

Date : 08 Jan 2014