Balemi ba solofetse thobo e e nametsang
08 Jan 2014
Banni ba kgaolo potlana ya Okavango ba re ba na le tsholofelo ya gore ba tlaa nna le thobo e e botoka monongwaga morago ga gore pula e ne thata mo kgaolong ya bone.
Kgosi Diteko Salapito o boletse fa ba ka nna ba roba mo go namagadi fa pula e ka tswelela ka go na. Kgosi o boletse jalo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa a itumetse go bo Modimo o arabile merapelo ya bone.
A re pula e ntse e na mo dibekeng tse pedi mme e tla e kgaotsa, go neela batho sebaka sa go dira mo masimong a bone. Kgosi Salapito o tlhalositse gore balemi bangwe ba Okavango ba setse ba lemile masimo a bone fa ba bangwe ba sa ntse ba tshwere le go dira jalo.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa sekgoreletsi se setona ele tlhaelo ya diterekere. A re phulo le yone e tlaa tokafala mme seo se thuse diphologolo tsa naga le leruo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a bolela fa a tshwentswe ke gore balemi ba ne ba palelwa ke go lema ka gore ditonki tsa bone di letswe ke mopalo jaanong di sa kake tsa goga megoma ntateng ya leuba la ngogola.
O ne a akgola balemi ba ba saleng ba lemile ka dipula tsa ntlha bogolo jang ba ba fa tlase ga letshitshi la noka, a re ba setse ba bile ba roba go rekisa thobo ya bone.
A re mo kgaolong ya gagwe balemi ka bontsi ba lemile mmidi, bogolo thata kwa Gumare le mafelo a a gaufi, fa go simologa kwa Etsha go ya Shakawe le bontlha jo bongwe jwa molapo balemi ba tlwaetse go lema lebelebele.
O ne gape a lebogela tautona wa lefatshe leno go bo a rotloetsa Batswana go rapelela pula. Rre Lepina Serara, mongwe wa bagolwane ba motse a re o lemile mme o solofetse go roba go le gontsi ka gore pula e nele.
Rre Serara a re o ntse a rekisa mmidi go tswa mo tshimong ya gagwe mme o solofela go dira poelo ka go rekisa maphutshe. O boletse gape gore o solofela gore lehuma le tlaa fokotsega mo kgaolong eo ntateng ya thobo e e botoka e e solofetsweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 08 Jan 2014






