Lephata le abela masiela
07 Jan 2014
Molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi borwa, Mme Peggy Kutlase o akgoletse lekgotla la kabo ditsha kwa Tsabong go tlhokomela bana ba masiela.
Fa a tlhalosa mo moletlong wa kabo dimpho tsa bana ba ba tlhokomelwang ke lephata leo, molaodi o ne a akgola lekgotla mo tirong e ntle e le e dirang, a supa fa ba le mo tseleng ya go goroga kwa ngwageng wa 2016 ya go nna setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se le lerato.
Mme Kutlase a re go supa lerato le boikarabelo jwa bone gore e re mo dinakong tse di tshwanang le tse ba ntshe mo ba nang le gone go fa bana ba. O tlhalositse fa ditiro tse di ntseng jaana di ka ba tsisa gaufi le setshaba.
Molaodi o ne a supa fa mo setshabeng go na le bangwe ba ba dirisang dipuo tsa gore bone ga ba kake ba ntsha sa bone go thusa ngwana wa motsadi yo mongwe, ka jalo a re ke bopelontle go bo ba thusa bana.
Fa a ema bana ka lefoko, Mme Kutlase a re thuso e ba e neelwang ke lekgotla e supa fa ba ratwa, ka jalo ba ikgaphe mo ditirong tsa go tlhoka tsebe tse di ka tsogang di sentse isago ya bone. Bana bao ga ba bolo go tlhokomelwa ke lekgotla le ka 2007. Ba ba thusa ka dijo, diaparo le dikobo.
Molaodi o ne a tlhalosa gape gore go tswa goo lowe bana ba ntse ba tlhokomelwa ke batsadi e se ba bone, mme ba tsaya boikarabelo jwa gore le bone ka moso ba atlege mo botshelong, ka jalo a re bana ba ba seka ba ipotsa gore ke eng fa e le bone fela ba ba kgethilweng.
O ne a gwetlha bana ba go tlotla batsadi ka e le boikarabelo jwa bone, a re gore batsadi ba bone ga ba yo mo botshelong e seka ya nna seipato, a tlhalosa fa se e le thato ya Modimo ka jalo ba tie go ya pele mo botshelong.
O ne a re mo dinakong tsa go tshwana le tse tsa go ipela go na le batho bangwe ba ba sa rateng go bona ba bangwe ba ipela, ka jalo a gwetlha batho go tsaya boikarabelo.
Fa a ntsha la gagwe, mongwe wa bana, David o ne a lebogela se lekgotla le se mo diretseng fa e sale a latlhegelwa ke motsadi. O rotloetsa batsadi ba gagwe ba kabo ditsha go tswelela ba thusa ba bangwe ba ba mo seemong se a leng mo go sone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oteng Gabankalafe
Location : TSABONG
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 07 Jan 2014






