Mokhanselara o abela balwetse
07 Jan 2014
Letsatsi la ngwaga o mosha le tsile ka ditshegofatso mo balwetseng ba ba robaditsweng kwa kokelong ya Tsabong jaaka ba ne ba abelwa dimpho ke modulasetilo wa khansele potlana ya Kgalagadi.
Rre Sam Brooks o ne a kgothatsa balwetse kwa kokelong eo go tshepha le go ikanya Modimo ka dinako tsotlhe, ka e le one o ka ba fodisang. O ne a supa fa tiro e a e diretseng balwetse bao e gwetlhilwe ke bo a ne a bona ba feletswe ka ba ne ba ka se kgone go keteka letsatsi la ngwaga o mosha le ba masika le ditsala kwa gae.
Modulasetilo o ne a supa fa maikaelelo a gagwe e le go tsosolosa mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko mo go bangwe ka ene ka go ba abela. O ne a ba kopa go sala ditaelo tsa bongaka morago ka nako tsotlhe ka seo e le sone se ka ba thusang go sidilega.
Mo go tse dingwe, Rre Brooks o ne a kaya fa go na le dikgang dingwe tse di tshwenyang fela thata, bogolo jang fa go tla kwa go bomme. A re dikgang di tshwana le boimana jo bo sa rulaganyediwang di a tshwenya ka bomme bangwe ba felela ba latlhela masea mo matlong a boitiketso, ba tshaba dikgwetlho tsa go godisa ngwana.
O ne a kopa thata bomme go itshekatsheka le gone go tila mekgwa ya go ka nna jalo ka tota ngwana e le mpho e kgolo go tswa kwa Modimong mme a tshwanelwa ke go tlamelwa le go fiwa lerato. Rre Brooks o ne a gwetlha baoki le dingaka go nna le lerato le bopelotelele mo tirong ya bone ka nako tsotlhe, a kaya fa tiro ya bone ya go tlhokomela balwetse e le botlhokwa thata mo setshabeng.
Modulasetilo o ne a abela balwetse bao dinotsididi, diaparo tsa masea a a tshotsweng ka letsatsi la ngwaga o mosha, mme a boa a ba abela le nku; tsotlhe di ka lopa P1 500. Bogogi jwa kokelo eo bo ne jwa amogela dimpho tseo ka boitumelo jo bogolo.
Mme Kerapetse Mosimanegape, mooki yo o belegisang mo kokelong eo, ene o ne a supa fa ba segofaditswe ka masea a basimanyana a mabedi le mosetsanyana a le mongwe mo letsatsing leo. O kaile fa masea ao a itekanetse sentle gammogo le batsetsi.
Ere dikgang di eme jalo, mookamela mapodise a Kgalagadi, Senior Superintendent Masilo Motswiri, o ne a akgolela banni ba kgaolo eo go bo ba ketekile ngwaga o mosa kagiso. Senior Superintendent Motswiri o supile fa a ne a begelwa dikgang di se kae fela tse dipotlana tsa go tlhapatsana le go gobatsa ba bangwe kwa marekisetsong a bojalwa.
O ne a kgothatsa ba ba amegang mo dikgannyeng tseo go itshwarelana ka tota molemo wa kgang e le go buiwa. O ne gape a galaletsa bakgweetsi go bo ba ne ba itshwere sentle mo ditseleng ka ba ne ba obamela matshwao a tsela le gone go dirisanya sentle le mapodise mo malatsing a keresemose le ngwaga o mosha.
O ne a boa a akgola ba marekisetso a bojalwa go bo ba ne ba obamela dinako tse di beilweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : TSABONG
Event : Kabo Dimpho
Date : 07 Jan 2014






