Breaking News

Ba Gogomoga ba lela ka lenyora

07 Jan 2014

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motsana wa Gogomoga, dikhilomithara di fera bongwe go tswa Maun, a re ga ba jesiwe diwelang ke lenyora le ntswa ba dikaganyeditswe ke didiba tse di nosang Maun.

Rre Philemon Kapinga o buile jalo mo potsolotsong bosheng. O ne a tlhalosa fa go ngomola pelo ka jaana pele ga koporase ya Water Utilities e tsaya ditirelo tsa metsi, ba ne ba nosiwa mo didibeng tseo ke lephata la metsi mme gompieno dilo di fetogile.

A re ba na le didiba di le tharo mo motseng mme koporase ya Water Utilities e di tswetse, ka jalo ba nwa fela mo nokeng. A re o ipotsa gore a mme ba tlaa kgona letshego la tebelopele ya setshaba le le buang ka tshaba e e itekanetseng fa batho bangwe ba sa ntse ba le mo leshekereng la lenyora, e bile ba anwa metsi a noka a a bayang matshelo a bone mo diphatseng.

Rre Kapinga a re ba dirile maiteko e le bogogi jwa motse go isa selelo sa bone kwa go ba koporase ya metsi mme ba ba tlhaloseditse fa bone ba le mo kgwebong, ka jalo ba ka seke ba ba siele metsi. A re letlhoko la metsi le dirile bontsi gore bo phuthe mabogo fela ka le yone temo e le boutsana mo motseng.

Kgosi Lekgela Tsheko o ne a iteela kobo moroko, a tlhalosa fa ba tswa kgakala ba lela ka lenyora mme go se nko e tswang lemina. A re maiteko a bone a go itela kwa maphateng a a tshwanetseng a itaya sefololetse ka jaana go twe motse wa bone ga o a tlhongwa semmuso, a tlatsa ka go re seo se ba beile ka fa mosing ka jaana le ditlhabololo di le bonya go goroga mo motseng wa bone.

Kgosi Tsheko a re ba utlwa botlhoko ka jaana ba koporase ya metsi ba dirisa borogo jo morafe o bo ikagetseng ka boithaopo go ya kwa didibeng tseo. A re ba kile ba tlelwa ke mogopolo wa go ba thibela go feta foo ka jaana ba sa dirisanye sentle le bone.

Kgosi o ne a supa fa ba ne ba patelesega go aga borogo joo, jo ba bo dirisang go kgabaganya noka ya Shashe go ya kwa Maun ka ba ne ba tshwenngwa ke merwalela, e bile noka eo e ne e feditse morafe.  A re bontsi jwa batho ba ba neng ba amega thata e ne e le bagodi fa ba latela ditlamelo kwa Maun.

O boletse fa ba ne ba kopile khansele go ba tshelela motlhaba mo borogong joo, jo bo dirilweng ka mepako mme kopo ya bone ya seka ya atlega. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Kapinga o supile fa ba sa kgone go akola mananeo a nyeletso lehuma go tswa kwa khanseleng ka go twe motse wa bone ga o a tlhomamisiwa.

A re bangwe ba banni ba ba ka felelang mo seatleng, ke bone fela ba akotseng mananeo a nyeletso lehuma kwa lephateng la temo-thuo. A re bangwe ba ba neng ba sala mo legoeleleng fa matlo a bone a ne a digwa ke dipula tse di mashetla le gompieno ga ba a bona thuso.

Le fa go ntse jalo, o supile fa lenaneo la Ipelegeng lone le goroga mo motseng e bile e le lone bontsi bo ikaegileng ka lone. Rre Kapinga a re lenaneo le le tsamaya ka thelelo ka ba kgonne go thapa batho ba le lesome mme matshelo a bone a fetogile fela thata.

O ne a supa gape fa komiti ya ditlhabololo tsa motse e e tlhophilweng, e le ya baithaopi fela ba ba sa boneng dikatso dipe jaaka dikomiti tse dingwe.

A re ka tshwanelo, o tlhophilwe gore a emele motsana wa bone kwa komiting e tona kwa Nxaraga mme ga a kgone go tsena diphuthego ka jaana go le sekgala e bile go se na sepagamo.

Rre Kapinga a re pele ba ne ba le ka fa tlase ga komiti ya Botshabelo kwa Maun mme ka nako ya fa go kgaoganngwa melelwane ba ne ba wela kwa Nxaraga, motse o o dikhilomithara di ka tshwarang masome a mane go tswa mo motseng wa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : GOGOMOGA

Event : Potsolotso

Date : 07 Jan 2014