Dikhwaere di lapolosa tlhaloganyo
06 Jan 2014
Mopalamente wa Gaborone Legare, Rre Dumelang Saleshando a re dikhwaere di lapolosa mmele le tlhaloganyo.
Rre Saleshando o buile jalo mo potsolotsong fa a ne a ile go lebelela khwaere ya Mog City go tswa mo motsaneng wa Mogwalale gaufi le Good Hhope, e phadisanya le ya Ditshotlho go tswa motsaneng wa Tauekaname o o gaufi le Gamajaalela mo kgaolong ya Ngwaketse Borwa.
O tlhalositse gore go botlhokwa gore ka malatsi a botsalo jwa morena le a ngwaga o mosha, batho ba tsaee ba malapa a bone go ya go itapolosa mmogo ba le mo lehelong le go nang le bangwe-kabone ka se se aga setshaba.
A re o ne a itlhophela go ya kwa lehelong leo ka a rata khwaere ya Mog City e ngwaga le ngwaga e opelang ka botswapelo le mororo go sena dimpho dipe tse e di gaisanelang.
Rre Saleshando, yo gape e leng moeteledipele wa phathi ya Botswana Congress, o ne a tswelela ka go tlhalosa gore ka dinako tse dingwe motho o tlhoka go amana le setshaba go sena sepe se sentsi se ba se kopanelang fa e se go ipela le go itapolosa fela.
O ne a re o itumelela tshologelo ya batho e e neng e tsile go bogela dikhwaere tse pedi tseo le fa go ne go sa phadisanelwe sekgele sepe. Mothusa moeteledipele wa khwaere ya Mog City Rre Tebogo Mothusi a re khwaere ya bone e simologile ka ngwaga wa 1988, mme e gola ngwaga le ngwaga.
O boleletse ba motswedi wa dikgang wa BOPA gore banana ba khwaere ya gagwe ba na le dingwaga di le nne ba ntse ba tsenelela dikgaisanyo tsa ga Tautona mo kgaolong ya Morolong mme ba gapa maemo a ntlha. O ne a tswelela ka go tlhalosa gore khwaere e tona e simolotse ngwaga o o fetileng go tsenelela dikgaisanyo tsa ga Tautona a tlatsa ka gore babogedi ba yone ba oketsega ngwaga le ngwaga.
Rre Mothusi a re mopalamente wa kgaolo Rre Kitso Mokaila, kgosi Lotlaamoreng II le bagolo ba bangwe ba kgaolo ke maloko a khwaere eo a tlatsa ka gore mo ngwageng o o fetileng, Rre Gomolemo Motswaledi o ne a tla go lebelela khwaere ya gagwe e opela. O tsweletse ka go tlhalosa gore ga ba batle dikgaisanyo ka di tsisa diphapaang fa gare ga morafe, ka jalo ba bonye go le botlhokwa go opelela setshaba mahala mme sone e nne baatlhodi ba yoo gaisitseng yo mongwe.
A re dikhwaere di kgapha banana mo mekgweng e e sa siamang jaaka go itontela majalwa a tlatsa ka gore setshaba se se nang le dikhwaere se a bo se supa fa se tshegeditse ngwao. O ne a tlhalosa gore khwaere e ba agile ya ba ya ba kopanya e le banni ba Mogwalale mo e setseng e kare ke bana ba motho.
E ne ya re fa a tswa la gagwe, mokatisi wa khwaere ya Ditshotlho Mme Veronica Rankwe a re khwaere ya bone e tlhamilwe ka ngwaga wa 1960 mme e simolotse go nna mokgatlho ka ngwaga wa 1993. A re ngwaga le ngwaga ba thulana le dikhwaere tse di farologanyeng go opelela setshaba mme go sena tlhwatlhwa epe.
Mme Rankwe a re ga ba na barotloetsi bape mme maloko a koleka madi a a dirisiwang fa ba tlhoka sepagamo go ya go opela. A re maloko a khwaere e ke bana ba dikolo, babereki le bagolo ba motse mme ba kopana ka malatsi a tshwana le a ngwaga o fela. O lebogetse boitsholo jo bontle ko dikhwaereng a tlatsa ka gore dikhwaere di aga setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : GOODHOPE
Event : Potsolotso
Date : 06 Jan 2014






