Breaking News

Balemi ba Makoro ba itoma molomo wa tlase

06 Jan 2014

Masimo a Makoro gaufi le Palapye ke masimo a tswang goo-lowe a iteka fela thata mo go ntsheng thobo e nametsang.

Masimo a a sale a simolotse ka dingwaga tsa bo 1947 ka nako e mo go yone temo e neng e sa tlhabologa jaaka gompieno mme balemi ba masimo ao ba ne kgona go bona thobo e kwa godimo.

Fa e sale ka dingwaga tseo balemi ba masimo a ba nna ba gagamaditse setoropo, ba itomile molomo wa tlase go ntsha dijo; le fa dipula di ka nna boutsana jang, phoisane ya mabele yone ba a e bona.

Balemi ba masimo a ba tsweletse ka go gapa dietsele mo ditshupong tsa temo ngwaga le ngwaga ka go bo dijwalo tsa bone di gaisa tsa dikgaolo tse dingwe ntswa ba lemile ka dipeo tse di tshwanang.

Potso ke gore, ba dira jang gore ba iphitlhele ba gapile maemo a ntlha. Modulasetilo wa komiti ya balemi, Mme Tsiamo Tabona o tlhalosa fa tshwaragano ya komiti ya gagwe le molemisi e le yone modi wa maduo a mantle a ntshiwang ke balemi.

A re tirisanyo mmogo le molemisi ke selo se se botlhokwa fela thata ka a ba gakolola ka tsa temo mme ba leke ka bojotlhe go baakanya fa ba sa dirang sentle teng. Kwa Makoro ga se tiro ya ga molemisi fela go kwadisa balemi le go phakisa peo, Mme Tabona a re fa dipeo di simolola go abiwa maloko a komiti ya gagwe ba nna teng go bona gore balemi ba neelwa peo le gone go bona palo ya bao ba kgonneng go bona peo.

A re fa pula e sena go phaila ba rotloetsa balemi go itlhaganelela go lema ka dipula tsa ntlha, a tlhalosa fa komiti ya gagwe e thusa balemi go bona ditshukudu tsa temo. Le fa go ntse jalo, maiteko a balemi a digelwa tlase ke leruo le le tlogelwang le saila mo masimo ka nako ya temo.

Mme Tabona a re lenaneo la ISPAAD ke lenaneo le le ntle fela thata mme le busediwa morago ke beng ba leruo, bogolo jang barui ba dikgomo. A re beng ba dikgomo tse di senyang ga ba na tirisanyo mmogo le ba ba senyeditsweng ntswa ele bone ba tshwanetseng go ikokobetsa.

Ga se kwa Makoro fela kwa selelo se se utlwalelwang teng; le lefatshe lotlhe le ruthaka selelo se le sengwe fela, mme potso jaanong ke gore dikgosi di dira eng ka seemo se. Kgosi Topo Sebina o tlhalositse fa beng ba leruo bangwe ba sena tirisanyo mmogo le balemi, a re ga ba dumele go duela tshenyo e dirilweng ke leruo la bone.

A re le fa dinonyane le bontlole ba tshwenya mo masimong, tshenyo ya dikgomo le dipodi ke yone e di fetang go menagane. A re puso e tlhokana le go gagamaletsa beng ba leruo molao ka gore e dirisa madi a mantsi mo temong, a kaya fa tshenyo e e busetsa maiteko a puso a go ntsha batho mo lehumeng kwa morago.

Kgosi Sebina ke mongwe wa balemi ba ba tsweletseng ka go lema ka ditselana, le balemi bangwe ba masimo a Makoro ba tsweletse ka go ititaya ka thupana go lema ka ditselana gore ba bone thobo e botoka. A re puso e tswa bogologolong e rotloetsa batho go lema ka ditselana mme fela ba nna maoto a tshupa go diragatsa se.

Kgosi a re bogologolo fa batsadi ba gagwe ba sa ntse ba lema, batho ba ne ba le bane fela ba ba neng ba lema ka ditselana mme bontsi ele ba ba gasang. A re mo bogompienong balemi ba tsweletse ka go diragatsa se puso e se rotloetsang ka ba lemogile mosola wa go lema ka ditselana.

O tsweletse ka go tlhalosa fa seemo se se nametsa fela thata le fa e se botlhe ba ba lemang ka ditselana. Kgosi Sebina a re balemi ba Makoro ba ikaelela go ntsha thobo e botoka mono ngwaga ga mmogo le go gapa dietsele kwa ditshupong tsa temo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 06 Jan 2014