Breaking News

Pula e digile matlo kwa Mmashoro

06 Jan 2014

Pula e e gosomanyeng bosheng kwa Mmashoro mo kgaolong ya Legare e tlogetse banni bangwe ba sena kwa ba ka latsang tlhogo teng.

Barui bangwe ba dikoko le bone ba senyegetswe fela thata morago ga pula e ya selekanyo sa dimmilimithara tse 219. Go ya ka kgosi ya motse oo, Kgosi Opelo Disang, matlo a le masome mane le bofera bongwe a agilweng ka mmu, a gosomantswe ke pula eo.

A banni bangwe ga ba kgone go aga matlo a semente mme le fa go ntse jalo, mmu o ba o dirisang ga ba o dire sentle gore o nne thata. A re mangwe a matlo ao ga a rulelwa sentle ka bojang bo ntse bo sa bonale dingwaga tse tlhano tse di fetileng ka ntlha ya go tlhoka pula; ka jalo matlo ao a na kwa godimo, mme a kolobe le kwa tlase, seo se dire gore a phutlhame.

Kgosi a re go lebega matlo ao a sa ntse a tla oketsega ka batho ba matlo a mangwe ba seyo go tla go kwadisa kwa kgotleng, mme a kopa batho ba ba amegileng go ikopanya le ba bogosi go tla go ikwadisa ka bofefo.

Mo potsolosong le ba lekalana la dikgang kwa Serowe, mothusa molaodi wa Serowe, Rre Onalenna Daniel o tlhalositse fa ba berekisanya le ofisi ya ga mmaboipelego kwa motseng oo go sekaseka seemo go bona ba ba tlhokang go thusiwa, ka dijo di sentswe ke metsi, diaparo le dikobo le tsone di kolobile.

Rre Daniel o tlhalositse fa ba kopetse baagi bangwe boroko jwa nakwana kwa sekolong se se botlana sa motse oo. A re le fa bangwe ba ka batla go nna le masika go ka nna molemo ka tota kwa sekolong e se ga lebaka le le leele, a bua jalo a rotloetsa mowa oo wa go kopa mo masikeng fela thata.

A re o setse a boleletse ba ofisi ya dibetso tsa tlholego, ba e tla reng mmaboipelego a fetsa tshekatsheko ya gagwe ba ntshe letsogo go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesego Kelediyakgotla

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 06 Jan 2014