Breaking News

Ba lebisitswe molato wa polao

06 Jan 2014

Borre ba le babedi ba badisadikago mo khamphaning ya Morongwa Security Services ba lebisitswe molato wa polao ya motho.

Pako Ramaeba yo o dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe wa kgotla ya Bobididi mo Molepolole o ne a itshupa fa pele ga mmakaseterata mogolo, Rre William Modise mo Molepolole bosheng, mabapi le molato wa go bolaya motho.

Go boletswe fa Ramaeba a ne a nyelela mme a tshwarwa malatsi a matlhano morago ga tiragalo, fa mmelaelwa ka ene, Mathata Bakwadi yo o dingwaga tse di masome a matlhano le bone, wa kgotla ya Lekgwapheng mo Molepolole a tshwerwe Morule ale malatsi a masome a mabedi le borataro mme a sa ntse a tshegeditswe ke ba sepodise.

Sub Inspector Kemmonye Willie wa sepodise sa Molepolole, yo e leng mosekisi, o ne a tlhalosa mo potsolotsong gore, motho yo o bolailweng yo, go tlhalosiwa fa a tshwerwe ke babelaelwa kgwedi ya Morule e le masome a mabedi le bone fa ane a utswa mafura a disele kwa Molepolole Institute of Health Sciences mme ba mo gobatsa mogo masisi mo a feletseng a tlhokafalela kwa sepateleng sa Princess Marina mo Gaborone.

Sub Inspector Willie, o ne a kopa lekgotla gore le se ka la nama le kopile mmelaelwa pele gore a bue fa a ipona molato kgotsa nnyaa. O ne a kopa lekgotla gape gore le okeletse mmelaelwa malatsi mo kgolegelong, a tlhalosa fa mmelaelwa a tshwaretswe ka molato o masisi, ka jalo, seo se ka thusa gape go babalela tshireletsego ya gagwe.

Sub Inspector Willie o tsweletse a bolelela lekgotla fa molato o sa ntse ole mosha e bile ditlhotlhomiso le tsone di sa ntse di tsweletse.       

Fa lekgotla le botsa fa ana le sengwe se a ka se buang, Bakwadi o ne a tlhalosa fa go sena sepe mme mmakaseterata a laola gore a name a tshegeditswe mo kgolegelong go fitlha babelaelwa botlhe ba tla fa pele ga lekgotla Hirikgong a le lesome, 2014. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Mmopi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 06 Jan 2014