Modumo wa dibara o tlhora boroko

13 Jun 2024

Bagwebi ba dibara kwa Tati Siding ba kgalemeletswe go itaya batho tsebe le go tlhora banni boroko ka diletso tse di lelelang kwa godimo.

Modulasetilo wa komiti e e abang diteseletso tsa go gweba ka bojalwa, Rre Makgesi Marata, o buile se mo phuthegong le beng ba marekisetso a bojalwa ka Labobedi kwa Masunga. 

O tlhalositse fa maikaelelo a komiti e se go gapa diteseletso mme ele go supa letshwenyego la go tlhorisa banni ba Tati Siding boroko ka modumo wa diletso. 

Rre Marata o rotloeditse bagwebi bao gore ba seka ba tsaya kgakololo ya ofisi ya gagwe motlhoho ka go sa dire jalo go ka ba bakela go gapelwa diteseletso.

O ba tlhaloseditse gore ba tshwanetse go leletsa mo teng ga dibara tsa bone mme modumo wa diletso tseo o sa tshwanela go feta sekgala sa dimethara di le makgolo a mabedi (200 meters).

“Bodiphatsa jwa go leletsa kwa godimo mo dibareng gase modumo fela, o ama le banana ka o fetola mokgwa le boitsholo jwa bone,” ga rialo Rre Marata. 

A re diletso di oka bana  ba dikole go ya kwa dibareng mme ba feletse a inaakanya le nnotagi le go goga motsoko.

Mongwe wa leloko la komiti eo,  Rre Phuthego Mudongo o ne a gatelela gore ka nako ya fa ba fiwa diteseletso tsa go bula dibara bagwebi ba bojalwa ba ne ba tlhalosediwa ka molawana wa go sa leletsa kwa godimo.

Rre Mudongo a re go lebega o kare beng ba marekisetso a bojalwa ga ba kgone go laola baletsi (DJ) ba ba batlhapileng. 

A re fa ba sa kgone go laola baletsi, tuelo ya molato wa go leletsa kwa godimo e mo maruding a mong wa madirelo ka e le ene a filweng teseletso.

“Ha ba tloga ba tsaya dipikara ba di baya kwa ntle ba bo ba feleletsa modumo wa diletso ka maikaelelo a go ngoka bareki ba sa rekegele ba ba bapileng le bone,” ga bua Rre Mudongo.

O ne a tswelela a tlhalosa gore fa mong wa madirelo a bojalwa a tswelela a tlola molao gangwe le gape, o ka atlholwa madi a a ka tshwarang dikete tse nne tsa dipula .

Moemedi wa morafe, Rre Tooboy Jotia, o ne a dumalana le Komiti eo a tlhalosa fa kgwebo e ya go rekisa bojalwa e sena dipoelo tse di kalo ka jalo e ka nna selelo le khuranyo ya meno fa bontlha bongwe bo ka ya kwa dituelong tsa go dira modumo.

 O ne a kopa bagwebi go buisana le bao ba dirang modumo ka go leletsa dikoloi tsa bone kwa godimo go emisa go dira jalo ka go ka ama madirelo a bone.

Rre Jotia o ne a tswa ka mogopolo wa gore ba ikopanye ha dibara di bapile mme ba letse ka go fapaana go leka go hokotsa modumo ka go lebega ba phadisana ka modumo.

E ne ya re bagwebi ba akgela, ba tlhalosa fa gona le barekisi ba bojalwa ba ba seng ka fa molaong mme ba rekisa go feta dibara. Ba tlhalositse fa ba di liquor restaurant ba rekisa bojalwa go feta dijo selo se ba reng se kgatlhanong ya teseletso e ba e filweng ke puso.

Ba re madirelo a go nna jalo o fitlhela a na le ditsidifatsi tse di ntsi go feta tsa dibara mo gongwe go sena dijo tse ba tshwanetseng go di rekisa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goweditse Kome

Location : MASUNGA

Event : Phuthego

Date : 13 Jun 2024