Breaking News

Maloko ga a kgore tsamaiso

07 Oct 2025

Go tsogile kgaruru kwa koporaseng ya mabogodika ya Moshupa, kgang kgolo e le gore maloko mangwe ga a itumedisiwe ke tsamaiaso ya koporase.

Mogolwane mo lephateng la tlhabololo dikoporase, Mme Dominicah Berman o tlhalositse se kwa bokopanong jwa khansele bosheng, a re maloko mangwe a koporase a na le dipelaelo tsa gore madi a ba ipoloketseng a dirisiwa bofafalele.

A re le ntswa bangwe ba maloko a koporase ba supa ba tshwenyegile, e bile ba setse ba kopa tlhaloso kwa ofising ya dikoporase, sepe sa phiri ke gore ga ba tsenelele bokopano jwa koporase, ka jalo ba sena kitos e kalo ka seemo sa matlole a bone a polokelo.

Mme Berman a re go dira jalo go a tshwenya ka maloko a tshwanetse go nna teng kwa bokopanong jo bo bidiwang ke khuduthamaga ya koporase, go itse ka botlalo ka dipolokelo tsa bone.

Le fa go ntse jalo, a re dingongorego tse di a tshwenya ka gore koporase a le na tsamaiso ya go bolokela maloko madi. A re go botlohkwa gore maloko a lekodisiwe ka seemo sa matlole a bone a polokelo.

O supile gore sengwe se se ka tshwenyang le go tsosa kgaruru ke fa  madi a mo polokelomg tsa maloko a ka dirisiwa go tsamaisa koporase, kana a dirisiwa ntle le kelelelo.Mme Berman o tladitse ka gore madi a ipoloketsweng ke maloko, ga a amane gope le dituelo tsa bodiredi kgotsa go reka tse di rekisiwang ke koporase kana tiriso epe fela.

Ka go tlhoka lesego, Mme Berman a re bangwe ba ba filweng boikarabelo jwa go somarela kana go tsamaisa dithoto tsa morafe ba kgona go di meletsa mathe, ba nne dinalanyana, ba itlopolela madi a a bolokilweng ke maloko, segolo jang fa ba ka lemoga gore bangwe ba bone ga ba itewa diatla.

Mme Berman a re go lemogeng fa seemo sa koporase se tsaya phekelo e sele go ne ga nna le bokopano jwa maloko ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa 2023, go leka go rarabolola seemo.

A re nngwe ya dikakanyo tse di neng tsa dumalanwa e ne ele gore kgwebo ya koporase e tswalwe, lebentlele la koporase le hirisiwe, seo e le go leka go batla madi a a tla duelang dikoloto tsa koporase, babereki le tse dingwe.

Mme Berman a re morago ga tshwetso e, go ne ga rekisiwa dithoto dingwe jaaka koloi, a tlatsa ka gore mo sebakeng se, lebentlele la koporase le hiriseditswe bangwe.

A re tshwetso e, e ne e tila dikgolo tsa gore koporase e seka ya lebisiwa molato ke ba ba dirisanyang le yone, mme ese maloko.

O ne a sedimosa fa gone go le maleba go itebaganya pele le go sireletsa kgwebo ya koporase, go na le maloko ka jaana bone e le beng ba koporase ba ka se lebisiwe molato ke ope kgotsa gone go gapelwa dithoto. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : MOSHUPA

Event : bokopano jwa khansele

Date : 07 Oct 2025