Breaking News

Ba tshwentswe ke ka fa go latlhwang matlakala ka teng

10 Oct 2025

Komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba agile masakana a matlakala mo motseng go itsa gore batho ba a latlhelele fa go sa tshwanelang.

Mo potsolosong le BOPA bosheng, leloko la komiti, Rre Isaiah Makwala a re e ne ya re go lemoga fa metseto ya bana e latlhelwa gongwe le gongwe, mo go neng go baya matshelo a batho mo diphatseng, ba bona go le botoka go aga masakana.

Rre Makwala a re le fa ba dirile maiteko jalo, bangwe ba tsweletse ba latlhela leswe le le sa tshwanelang kwa masakaneng ao jaaka makgarakgatshane.

O tlhalositse fa mafelo ao, go latlhelwa matlakala a a phuthetsweng, e seng dintsa, katse kana sepe se sebokete jaaka ditena le disenke. 

O ne a kopa banni go ema ka dinao le go nna leitlho la bone go thusana mo go lwantsheng botlhokatsebe jo bo dirwang ke batho bangwe ba ba senang boikarabelo.

A re gape go a itumedisa go bo  kgotla ya bone e katiwa ka e bile e le nngwe ya dikgotla tse di phepa mo motseng.

Rre Makwala o ile a rotloetsa banni go dirisa masakana ao ka kelelelo le go a dirisetsa se setshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Potsolotso

Date : 10 Oct 2025