Elang tlhoko diphologolo
07 Oct 2025
Mapodisi kwa Nata ba kopa setshaba go nna keletlhoko ka dinare di simolotse go saila dile mo patlong ya metsi.
Mo puisanong ka Mosupologo, mogolwane wa sepodisi kwa Nata, Superintendent Beggar Nawa, o supile fa erile ka Labotlhano kwa merakeng ya Sematlaphiri go bapa le Sepako ba amogela pego ya gore go bonwe dinare di le dintsi.
A re ka thuso ya ba Lephata la Diphologolo ba tshwaraganye le Lephata la Matlhoko a Leruo (veterinary services) ba ba neng ba tsamaetse teng, ka lesego ba ne ba kopana le serapa sa dinare di ka feta masome a mararo di tsena kwa didibeng tsa meraka eo di batlana le metsi.
Superintendent Nawa a re ba ne ba kgona go di kobela morago kwa mololwaneng wa Botswana le Zimbabwe kwa go supagalang di tswa teng.
O tlhalositse fa setshaba se bega go tlhagoga ga diphologolo gantsi ka paka ya selemo.
Ka jalo o gakolotse setshaba go nna podi matseba ka nako tsotlhe bogolo jang kwa Sepako le metse e e mabapi.
O kopile banni go kopa thuso mo go bone ba sepodisi kgotsa kwa maphateng a maleba fa ba bonang diphologolo bogolo jang ditlou.
A re ba seka ba re ba a dilwantsha ka gore ba tlaa bo ba baya matshelo a bone mo diphatseng ka diphologolo tsa naga di le borai. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga
Location : SEPAKO
Event : Puisano
Date : 07 Oct 2025