Khansele tsa Lobatse le Bollnas ba etela Kgari
07 Oct 2025
Ratoropo wa Lobatse le bodiredi go tswa kwa Bollnas, Sweden ba ne ba etetse Kgosi Kgari III ka Matlhatso, e le sesupo sa tirisano mmogo ya boeteledipele go tlhabolola metlobo ya ditso le morafe ka di tsa tlholego.
Mokwaledi wa khansele ya Lobatse, Mme Taolo Lenamile o tlhalositse fa ba na le tirisano-mmogo le mokgatlho wa International Centre for Local Democracy (ICDL) go tswa kwa Bollnas, e e simolotseng ka 2022. A re ba na le tiro e ba e kopanetseng ya go boloka difikantswe le metlobo ya ditso kwa Lobatse.
A re maikaelelo a loeto ke go anya botsipa, go ithuta le go itse gore morafe o boelwa jang mo tsamaisong ya metlobo ya ditso.
Moeteledipele wa Lephata la Ditso kwa khanseleng ya Bollnas, Mme Helen Berggren o kaile fa mokgatlho wa ICLD go tswa Sweden o tlhamilwe ka maikaelelo a go tlhabolola mafatshe, bogolo jang a itsholelo ya one e leng kwa tlase.
A re maikaelelo magolo a ICLD ke go nonotsha ditlhabololo mo meamusong e e falorologaneng.
Mme Berggren a re mo isagong o eletsa ba ka dirisanya le mekgatlho e e sa thusiweng ke puso (NGOs), le bagwebi ba dikgwebo tsa bone di sologelang setshaba molemo gape e le tsa mo gae.
Motlhokomedi wa methobo ya ditso kwa Lephateng la National Museum and Monuments, Rre Tawina Tawina o ne a supa fa difalana tse di saleng di boloka mabele labofelo ka dikgafela tsa 1996, setlhare se se neng se dirisiwa jaaka poso, ofisi ya khansele e e neng e agilwe ke Kgosi Kgari Sechele mo segopotsong sa masole a a neng a latlhegelwa ke matshelo ka ntwa ya lefatshe ya bobedi, e le dingwe tse di leng teng kwa kgotleng kgolo ya Bakwena.
Rre Tawina a re motlobo wa ditso o o mo lefatsheng la diekere tse di masome a matlhano kwa Ntsweng o tlhotlheleditswe ke dikago tsa setso, segolo jang tsa kgotla.A re tsholofelo ke go bona bajanala ba etela kgaolo ya Kweneng, go tla go ithuta ka ditdo tsa Bakwena
Ratoropo wa Lobatse, Rre Aron Ganakgomo o kaile fa Kweneng e gatetse pele ka go boloka di-tsa ngwao ya bone, mme ke sone ba boneng go le maleba go rerisana le bone, go ithuta.
A re maikaelelo ke go fetola dikago tsa peo melao ya bogologolo go nna motlobo wa ditso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thokozani Matiha
Location : MOLEPOLOLE
Event : KHANSELE
Date : 07 Oct 2025