Breaking News

Ba supa fa madi a bagodi a fetotse matshelo

08 Oct 2025

Bangwe bagodi ba galaletsa koketso ya madi a bagodi go tswa mo go P830 go ya kwa go P1 400 ka e fetotse matshelo a bone le go a tokafatsa. 

Mongwe wa bagodi mo kgaolong ya Tsabong Mme Mamase Ntau yo o dingwaga tse di masome a supa le bongwe (71) o buile a sa kgwe mathe ka fa madi a bagodi a fetotseng botshelo jwa gagwe ka teng fa e sale a simolola go a amogela ngwaga ono ka kgwedi ya Moranang. 

Mme Ntau o tlhalositse fa a ne a ipulela lenaneo la diphitlho kwa a duelelang kesi le letlapa gore a tle a kgone a ituelela tsa phitlho a sa ikaega ka bana fela. 

Mo godimo ga moo, Mme Ntau a re madi a bagodi a mo  thusitse ka jaana o kgona go  ikokotleletsa madi kwa lebentleleng la Builders Mart gore fa madi a setse a lekane a kgone go ntshafatsa ntlo  ya gagwe. 

O gwetlhile bagodi ba bangwe go dirisa madi ka tsholetsa kelotlhoko  gore ka moso e nne segopotso mo go bone b abo ba ipelafatse ka one.  

Mo potsolosong le Rre Motlhabeng Phiritshwane wa dingwaga tse di masome a ferabongwe le bone (94) o ne a phopotha legetla tautona wa Advocate Duma Boko ka koketso ya madi a bagodi a supa fa ene e le motho yo o ratang loruo ka jalo a rekile dipodi ka one, mme maikaelelo e le go di tsadisa gore a tokafatse bonno jwa gagwe. 

Mme Lenah Coetzee (73) le Rre Isaac Coetzee (79) go tswa kwa kgotlaneng ya Matlhatlhagane kwa Tsabong ba ne ba supa fa bone ba kgonne go bula bukana ya diphitlho , go gokela motlakase mo lwapeng le gone go ithekela dijo tsa dikeletso tsa bone go imolola bana. Ba re go ya pele  ba ikaelela go oketsa loruo lwa bone. 

Fa a tswa la gagwe Kgosana wa Matlhatlhaganyane Piet Kaatzee a re le ntswa puso e leka ka bojotlhe go tlhabolola matshelo a bagodi sebe sa phiri ke gore bangwe bagodi madi a bone a tsena mo diatleng tse di sa siamang tsa batho ba ba amogelang madi a bone e ka tswa e le bana ba bana kana masika. 

Kgosana Kaatzee o ne a tlhalosa fa ba setse ba amogetse dikgang dingwe le gore le bone e le boeteledipele ba itemogetse seo mme ba tlaa tswelela ba beile leitlho seemo gore bagodi ba kgone go akola madi a bone go sena boferefere go tswa kwa batlhokomeding ba bone. 

O ne a tlatsa ka go supa fa bangwe bagodi ba tlhoka dikgakololo ka madi a bone go a dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng ka bangwe ba a nwa majalwa fela ka one selo se a supileng fa ba tlaa ema ka dinao e le boeteledipele go bitsa diphuthego mo dikgotlaneng tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 08 Oct 2025